Breaking News

Botswana o ka ntsha dijo - banni

17 Feb 2016

Banni ba metse ya Mookane, Mmaphashalala le Dibete mo kgaolong potlana ya Mahalapye, ba re lefatshe leno le ka ntsha dijo tse di lekaneng fa go na le tshwaragano le tirisano mmogo fa gare ga setshaba, mmuso le mapolotiki.

Ba buile jalo fa ba ne ba akgela mo phuthegong ya kgotla kwa Mookane, e e neng e buisiwa ke lekoko le le romilweng ke Tautona go tsaya megopolo mo setshabeng mabapi le tebelopele ya  setshaba ya Vision 2036.

Ba re fa Batswana ka bongwe ka bongwe ba ka nna le seabe mo ditlhabololong tsa lefatshe leno e bile mmuso o ka ema balemi-barui nokeng mo mhameng wa temo-thuo ka go ba epela didiba tse metsi a tsone a ka dirisiwang mo temong ya nosetso, lefatshe leno le ka kgona go ntsha dijo tse di lekaneng le go bulela Batswana ba bangwe diphatlha tsa mebereko.

Batho ba ba neng  ba akgela mo phuthegong eo, ba re dingwe tse ba eletsang di ka diragadiwa mo dingwageng tse di masome a mabedi tse di tlang ke go tokafatsa seemo sa thuto ka go letlelela bana go boelela fa ba sa dira sentle mo dithutong tsa bone le go tsosolosa lekalana la thuto gaegolelwe.

Ba re le ntswa lefatshe leno e le la tsamaiso ya puso ya batho ka batho ga ba jesiwe diwelang ke go tlhoka go dirisiwa ga diteme tsa merafe e mengwe ya lefatshe leno, go rontsha merafe e mengwe go nna le dikgosi kgolo jaaka merafe e mengwe, go letlelela batho ba ba bolaileng ba bangwe go letela tsheko ba le kwa ntle ga kgolegelo ntswa go na le bosupi jo bo papametseng gore ba bolaile, mme ba bolela fa go dira jalo go ka rokotsa setshaba go itseela molao mo diatleng.

Ba re e re ka mhama wa temo-thuo e le mokokotlo wa itsholelo ya lefatshe leno e bile e le yone e ka rarabololang mathata a tlhaelo ya dijo, go lwantsha letlhoko la ditiro le go tswakanya itsholelo go mo maruding a mmuso go tswelela ka go ema balemi-barui nokeng ka go ba thusa ka dipeo le menontshane mahala le go tlhabolola letsopa la dikgomo tsa nama gore lefatshe leno le kgone go phadisana le mafatshe a mangwe mo dimmarakeng.

Ba re go ikgatholosa Modimo ka go tlhoka go tsena dikereke, go tlhoka go tlotla bagolo ga banana le go itewa tsebe ke dingwao tsa ditshaba di sele, ke sone se se dirang gore lefatshe leno le kokonelwe ke manokonoko a mauba le dipolaano tsa baratani.

E ne e rile go le pele leloko la lekoko leo Mme Sarah Dibe, a tlhalosa fa maikaelelo a lekoko leo, le le romilweng ke Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama e le go tsaya megopolo mo setshabeng mabapi le tebelelopele ya setshaba ya Vision 2036.

Mme Dibe o rile ke tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe go ntsha maikutlo a gagwe gore e re puso e ya go kwala bukana ya Vision 2036 e bo e ikaegile ka megopolo e e tswang mo Batswaneng gammogo le mo mapolotiking a diphathi tse di farologaneng tsa lefatshe leno go balelwa le makgotla a dikereke. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : Mookane

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 17 Feb 2016