Leuba le tlogela Gaseleme a iphotlhere
17 Feb 2016
Mme Sealogane Gaseleme wa motlhokapono kwa Omaweneno mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa, o setse a iphotlhere morago ga gore dipodi tsa gagwe tse a neng a di filwe ke puso ka lenaneo la LIMID di ganyaolwe ke leuba.
E rile a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Gaseleme a tlhalosa fa a ne a fiwa dipodi di le lesome le boraro ka lenaneo la LIMID ka 2012. A re o setse fela ka di le tlhano, ntateng ya leuba le le shenneng meno.
Mme Gaseleme o supile fa a ne a itshetsa ka dipodi tseo, ka a sa kgone go itirela sepe.
Le fa go ntse jalo, o kaile fa a ne a fiwa dipodi tse dingwe ka lenaneo la banana di le masome a fera bobedi le botlhano ngwaga e ntse e le wa 2012, mme le tsone di sule fela tsotlhe mono ngwaga ntateng ya leuba, ka jalo o tlhalositse fa a tlhoka thuso gore a rekele dipodi tsa gagwe dijo.
O boletse gape gore e re le ntswa leuba le tsentse tlhako kgamelong, ba lebanwe gape ke go tlhoka kwa ba ka rekisang dipodi tsa bone teng go rekela tse dingwe dijo.
Mme Keimetswe Gaseleme, e bong mmaagwe Sealogane, o boletse fa ba thusa morwadiabone ka gotlhe mo ba go kgonang, ka ene a sa kgone go ka itisetsa, mme e le bone ba bonang gore a dipodi tsa gagwe di thokomelesegile.
O buile gore fa kgwedi e fedile ba bone sengwe ba a tle ba di rekele dijo le ntswa go sa lekana.
E re ntswa maiteko a ga Sealogane a go itlhotlhora lehuma o kare ga a atlege, ene ga a ipone tsapa ka go tswelela pele a leka ka mo a ka go kgonang go ipona a dule mo lehumeng la nta e tshetlha.
O boletse gore o bona bokamoso mo kgwebong ya gagwe ya dipodi, e bile o tsile go leka ka gotlhe mo a ka go kgonang go di atisa.
O rotloeditse banana ka ene go inaakanya le mananeo a puso ka go dira jalo go ka ba thusa thata mo go tokafatseng matshelo a bone le go tlhamela ba bangwe ditiro. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Amogelang Baikgantshi
Location : Omaweneno
Event : Potsolotso
Date : 17 Feb 2016






