Lerato ke makgonatsotlhe - Teemane
16 Feb 2016
Moruti Teemane wa Apostolic Faith Mission kwa Selebi Phikwe a re lerato le tshwanetse go nna teng ka dinako tsotlhe go sa kgathalesege gore baratani ba kopana le diemo dife.
O ne a bua jalo kwa moletlong o o neng o rulagantswe ke District Health Management Team (DHMT) kwa Selebi Phikwe go ipelela letsatsi la baratani.
Moruti Teemane o kgothaditse baratani go nna ba nosetsa lerato la bone ka se se ka fokotsa ditlhalano le go nna le bakapelo ba feta bongwe.
O ne a tlhalosa fa motho wa mme a sa lapisiwe ke go tewa go twe 'ke a go rata'.
Moruti a re lerato le ka supiwa ka ditsela tse di farologaneng, jaaka go abelana dimpho le go nna le sebaka se baratani ba ka iphokisang phefo kwa mafelong a a farologaneng.
Moruti o ne a kgothatsa bakapelo ba ba iseng ba nyalane go dira jalo ka go nna fela mmogo go sa lekana, a re se se ka fokotsa go tsholwa ga bana kwa ntle ga lenyalo mme e re morago ba tlhoke tlhokomelo.
O ne a ba rotloetsa go ineela mo Modimong gore ba tle ba kgone go fenya dikgwetlho tsotlhe tse ba kopanang le tsone fa ba le mo mosepeleng wa lerato.
Kgosi Mark Thipe wa Kagiso o ne a lebogela DHMT go bo ba bone go le botlhokwa go rotloetsa bakapelo go itlhatlhoba mmogo le gore e re ka letsatsi leo ba bo ba phuthile baratani go tla go rutana le go gakololana.
Kgosi Thipe a re go le gantsi baratani ga ba bone nako e e lekaneng go nna mmogo ka mabaka a kgodiso ya bana le a tiro.
Kgosi Thipe o kopile baruti go nna ba bua ka dikgang tsa marato go thusa baeteledipele ba morafe jaaka dikgosi le mapodisi go emisa mokgwa wa dipolaano tse di golelang pele.
O ngongoregetse gore dikgang tsa matshosetsi a dipolaano di utlwala kwa dikerekeng.
Kgosi o kopile morafe go begela ba sepodisi sepe fela se se ka tswang se belaetsa, a re go dira jalo go ka thusa go fokotsa borukutlhi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Selebi Phikwe
Event : Moletlo
Date : 16 Feb 2016






