Maitshwaro a baithuti a ama maduo
16 Feb 2016
Go tlhoka maitshwaro a mantle ga baithuti ke nngwe ya dikgwetlho tse di amang thuto ya bana.
Mafoko a, a builwe ke mogokgo wa sekole se sebotlana sa Mokibe kwa Shoshong, Rre Luka Thabana mo moletlong wa go ipelela maduo a lekwalo la bosupa.
Rre Thabana a re go lemosegile gore botho jwa bana ba dikole tse di kwa tlase tsa Kgamane le Mokibe bo tsweletse ka go wela tlase.
A re le ntswa batsadi ba tsena diphuthego tsa batsadi le barutabana ka dipalo tse di kwa godimo, ba santse ba tlhaela go tla ka bongwe ka bongwe go lekola tiro ya bana ba bone.
O ne a tlhalosetsa batsadi gore, go ya ka molao wa thuto, ba letlelelwa go tla mo sekoleng ka dinako tsotlhe go latlhela bofofu mo go tse di dirwang, go akarediwa go lebelela dibuka tsa bana, go nna fa fatshe go reetsa ka fa morutabana a rutang ka teng le go lekodisanya ka botsogo jwa ngwana.
A re go dira jaana go tiisa ngwana moko go dira ka natla ka a lemoga fa motsadi a kgathala ka thuto ya gagwe.
Matshwenyego a mangwe a go kailweng fa a ama thuto ke a tlhaelo ya boroko ja barutabana ka jaana bontsi ja bone ba theogela ba tswa Mahalapye, mo go rayang gore ga ba kgone go theogela dioura tse di telele ka ba a bo ba gabile go goroga ka nako kwa malwapeng.
A re fa ba kabo ba theogela ba tswa mo Shoshong, ba ne ba ka ipha nako go rutuntsha bana, bogolo jang go totobisa ba ba saletseng kwa morago.
Go sa ithaopela go thusa dikole ga banni le gone go kailwe fa go baya thuto ka fa mosing.
Go ya ka Rre Thabana, ga gona ope mo motseng yo o ithaopetseng go thusa dikole kgotsa bana jaaka fa e le tlwaelo gore bagwebi kgotsa ope fela yo o kgonang a ithaopele go tswa sekole kgotsa bana thuso epe fela e ba ka e kgonang.
O tsweletse ka gore ‘mme kana go ithaopa ga go tlhoke sepe fela se setona, o ka nna wa ithaopa go tsenya letlhabaphefo kgotsa go baakanya setswalo,’ a kaya fa go dira jalo e a bo e le sengwe go na le fa motho a ntse fela a re puso e tlaa ntsha madi go baakanya.
Fa a tswa la gagwe Kgosi Sejakgomo Ntsaga wa Shoshong, o akgoletse bogogi ja dikolo tse go bo ba bone go tlhokafala gore ba ikopanye go akgola bana ba ba dirileng sentle le barutabana ba ba alositseng bana ba ba gaisitseng.
A re go itshwaraganya go botlhokwa ka go tlhofofatsa tiro, bogolo jang fa go dirwa ka botho le lorato.
‘Mo godimo ga moo, go dira jaana go tiisa moko wa go tswelela ka go ntsha maduo a mantle, e bile go rutuntsha ba ba saletseng kwa morago go tsholetsa dinao gore le bone e nnne bafenyi mo nakong e e tlang.’
Moletlo o, o e neng e le lantllha o dirwa, o o neng o tshwerwe ka setlhogo se se reng; tshwaragano ya botlhe mo thutong go ntsha maduo a a nametsang, o ne o ipelela maduo a bana ba lekwalo la bosupa.
Mogokgo, barutabana le bana ba ba gaisitseng ba ne ba fiwa dietsele, ditlankana le madi.
Maduo a dikole tse di potlana tsa motse a ngwaga o o fetileng a eme jaana; Shoshong Primary School 81 per cent, Kgamane Memorial School 68 per cent le Mokibe Primary School ka 61.2 per cent. Dikole tse tsotlhe di supile kgolo fa go tshwantshanngwa le maduo a dingwaga tse di fetileng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Boitshepo Setogile
Location : Shoshong
Event : Moletlo
Date : 16 Feb 2016






