Breaking News

Mosadi o oba letsogo ka didibo

16 Feb 2016

Mme mongwe wa kgotla ya Boseja kwa Maun o itshetsa ka go roka didibo tse a di selang mo baroking fa ba sena go fetsa tiro ya bone. Mme Mmasemonda Mosweu o tlhalositse mo potsolotsong gore fa a sale a simolotse kgwebo e, botshelo jwa gagwe bo tokafetse.

“Ke dira dibeke tse bomme ba tsenyang dibaebele tsa bone mo teng fa ba ya kerekeng le dikobo ke a di dira tsa didibo ka one matlakala a a latlhiwang ke baroki,” a tlhalosa jalo.

O supile fa a dirisa dibeke tse a di fiwang ke ba Builder’s World fa a sena go reka teng. Morago a di tsenye didibo gore di lebege di le dintle. A re o simolotse kgwebo e ya go roka didibo monongwaga mme go setse go supagetse fa Batswana ba di rata thata.

Mme Mosweu a re o rekisa dibeke tse dikgolwane lekgolo la dipula  fa tse dipotlana a di rekisa masome a supa le botlhano.
A re kgwebo e, e na le mosola fela thata le fa e ka tswa e le potlana.

O supile fa Batswana ba le bonya mo go itlhameleng dikgwebo mme se se feletse se ba humanegisa.
Mme Mosweu o roka didibo tse tsa gagwe a le fa pele ga marekisetso a PEP Store a ntse a tsweletse ka go rekisa le tse dingwe.

Le fa go ntse jalo, o ngongorega ka go dirisa diatla go roka le letlhoko la ditlhale tse a rokang ka tsone, a re fa a ka bo a na le motshine o o rokang go ka bo go le botoka e bile a kgona go roka ka dipalo tse dintsi.
 O rotloeditse bomme go ema ka dinao ba direla malwapa a bone e seng go tlhabiwa ke ditlhong ka e le bone ba ka tsholetsang itsholelo ya lefatshe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Montle Modisawamarole

Location : Maun

Event : Potsolotso

Date : 16 Feb 2016