Breaking News

Dipolaano di a tshwenya

16 Feb 2016

Mapodisi a Selebi Phikwe a re a tshwenngwa ke dipolaano tsa baratani tse di diragalang mo kgaolong eo.

Mo potsolotsong bosheng, mogolwane wa mapodisi, Rre Victor Nlebesi, o boletse gore e rile kgwedi eno e tlhola lesome le bobedi ba begelwa leso la mme yo o dingwaga tse di masome a mabedi le boraro yo o tlholegang kwa Gootau.

Rre Nlebesi a re mme yoo o bolailwe ke mokapelo wa gagwe yo o dingwaga di masome a mararo le bobedi a tlholega kwa Serowe mme go belaesega a mo tlhabile ka sengwe se se bogale, mme ka jalo a tshegeditswe go thusa mapodisi mo ditlhotlhomisong.

Rre Nlebesi o ne a supa gore go ya ka dipalo tsa bone, ba lemogile gore bomme ke bone ba bolawang thata ka ba sena thata e e kalo fa botsalano bo sa tsamaye sentle kana bo fela mme borre bone ba na le thata ya go fetsa botshelo kana go gobatsa.

“Ke kopa batsayakarolo le baruti go tsenya letsogo, ka seemo se se tsaya phekelo e sele ka botsalano jwa malatsi a bo tsisa matlhoko eseng boitumelo jaaka go solofetswe. Leso la mosadi le bakwa ke monna ka rre a sa dumele go tlogelwa, ka a dumela fa a tsiediwa fa botsalano bo nna jalo,” a bua jalo.

Go ya ka ditshoboko tsa bone tsa ngwaga o o fetileng wa 2015, Rre Nlebesi o supile gore go nnile le dikgang tsa polao di le nne tsa go ikgapela botshelo di le nne, tsa dititeo di le 457 le tsa go tshosetsa go bolaya di le lesome le borataro, mme tsa ngwaga o wa 2016, o supa fa ba na le dikgang tsa dipolao di le tharo.

A re dipalo tse, di ba tshwentse ka dipalo tsa dipolao di setse di gola mme ngwaga o na le dikgwedi tse pedi fela, mme a kopa batho go ikgakologelwa le go amogela diemo jaaka fa botsalano bo fela go na le go gapa botshelo jwa motho yo mongwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaone Busang

Location : Selebi Phikwe

Event : Potsolotso

Date : 16 Feb 2016