Breaking News

Palapye o baa Masogo monwana

15 Feb 2016

Banni ba Palapye ba amogetse leina la ga Rre Keetla Masogo go nna setilo sa bogosi jwa Palapye go thiba phatlha ya bogosi e e saleng e nna ngwaga o o fetileng fa Kgosi Class Motshidisi a ne a tlhokafala.

Kgosi Masego Olebile wa Palapye a re ka bogosi jwa Palapye bo sa jewe boswa e bile bo lebane mongwe le mongwe yo o agileng mo Palapye, phatlha e e tlogetsweng ke Kgosi Motshidisi e ne ya rerwa ke dikgosi tse pedi tsa Palapye, dikgosana le bagakolola kgosi mme ba fela ba dumelana ka leina la ga Rre Masogo.

Kgosi Olebile a re ka tsamaiso ya bogosi, leina la motho yo o tlaa bewang kgosi le rerwa ke bo-rangwaneagwe kgosi. Ka jalo dikgosi tsa Palapye di ne tsa bona go le botlhokwa gore di tlhophe bagolo ba motse go nna bagakolodi ba kgosi gore go rera bogosi jwa Palapye go nne bonolo ka ba sena borangwaneakgosi.

A re bagakolodi ba kgosi ke bagolo ba supa ba ba itlhophetsweng ke kgosi mme ba tladiwa ke dikgosana tsotlhe tsa Palapye di le lesome le boraro le bo mogoloabone ba ba mo kgotleng ya Palapye.
Mo phuthegong e e neng e tshwaretswe kwa kgotleng ya Palapye,  Kgosi Masego o ne a rolela setshaba le mothusa motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato Kgosi Serogola Seretse leina la ga Rre Masogo.

Kgosi Seretse o solofeditse gore o tlaa isa leina kwa go motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato, Kgosi Sediegeng Kgamane yo ene a tlaa le isang kwa Gaborone.

Mme le fa morafe o ne wa amogela leina la ga Rre Masogo, o ne wa ngongoregela tsamaiso ya go tla ka leina la gagwe ba re morafe ga wa akarediwa go tla go tlhopha leina la kgosi. Mme Ase George o ne a ngongoregela gore ga ba a ka ba rerisiwa e le morafe go tla go itlhophela kgosi.

Rre Boynyana Malatsi o ne a kopa gore fa kamoso dikgosi di dirile morero di bitse morafe gore di o lekodise ka tshwetso e di e tsereng. O ne a kopa gore bomme le banana ba akarediwe mo mererong ya bogosi, ba bo ba fiwe sebaka sa go supa bokgoni jwa bone.

Fa Kgosi Seretse a tsibogela kgang ya go tlhopha kgosi ga morafe, o ne a tlhalosa fa bogosi jwa ga Mmangwato bo rerwa, go sa tlhophiwe e bile bo sa tsamaelane le sepolotiki.

E rile mothusa kgosi ya Palapye, Kgosi Michael Maforaga a tlhalosa ka molao wa bogosi o o neng wa baakanngwa ka 2008, a re o tlhalosa fa kgosi e ka dira therisano le batho ba ba mo tikologong eo, gape o ka tlhopha mongwe le mongwe mo lefelong leo go nna kgosi.

Kgosi Maforaga a re molao wa bogosi ga o tlhalose ka botlalo gore kgosi e ka rerisana le bo mang mme a re ba ne ba rerisana le bagakolodi ba kgosi, ka tsetlana ya 22.2.
Kgosi Maforaga a re morero wa go tla ka leina la kgosi o sa le o dirilwe ka dikgwedi tsa ntlha tsa ngwaga o o fetileng.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshepo David

Location : Palapye

Event : Phuthego

Date : 15 Feb 2016