Breaking News

Ba le bane ba tshwerwe ka matlalo a ditonki

15 Feb 2016

Batho ba le bane ba thusa mapodisi a Molepolole ka ditlhotlhomiso mabapi le go fitlhelwa ka mekowakowa ya matlalo a feta sekete le makgolo a mabedi, a go tlhalositsweng e le a ditonki.  

Mogolwane wa mapodisi a kgaolo ya Kweneng, Senior Superintendent Kevin Mookodi o tlhalositse fa ba tshwere monna le mosadi ba Zimbabwe, monna wa Mojapane le wa Motswana morago ga go longwa tsebe ke mongwe.
Mongwe wa babelaelwa gape go tlhalosega a fitlhetswe ke mapodisi a Gaborone ka madi a a fetang P230 000 yo Senior Superintendent Mookodi a supang fa ba tshwaraganye le go batlisiwa motlhala wa kwa a ka tswang a tserwe teng.

Rre Mookodi o kaya fa motlhala o ba o setseng morago mo nakong eno e le go batlisiwa gore a go bolawa ga ditonki tseo go ne go le ka fa molaong.

Mongwe wa babelalwa, Rre Isaac Phiri, o kaile fa thulaganyo eo e ne e sena bofitlha bope ka jaana ba ne ba dirisanya le magosi go bolaela ditonki tseo mo masakeng a dikgotla tsa metse ya Dutlwe mo kgaolong ya Kweneng le kwa Mabutsane, mme e re morago ba rebolele morafe dinama ka jaana kgatlhego ya bone e ne e le mo matlalong fela.

Rre Phiri o tsweletse a tlhalosa mo potsolotsong fa ba ne ba tsena mo thulaganyong ya go kokoanya matlalo a ditonki ka maikaelelo a go a rekisetsa lefatshe la Hong Kong  kwa ba neng ba bone mmaraka teng

Matlao ao a fitlhetswe kwa kgwebong ya monna mongwe kwa  Molepolole yo a kaileng a tsentswe mo madubadubeng ao ke go bo le ene a gweba ka matlalo mme a thusa babelaelwa ba bangwe bao ka mabeelo a matlalo le dipampiri tsa go a rekisa le go a tlodisetsa kwa ntle ga lefatshe leno, le fa a ne a supa fa magogwe a ne a belaela lomepe mo tsamaong ya nako.

O kaile fa thulaganyo e nngwe e e neng e mo kopantse le kgwebo ya bone joo e le go bo a na le teseletso ya go gweba ka matlalo a dikgomo a a tlhalosang a ne a rekiwa mo khamphaning nngwe kwa toropong ya Lobatse  le teseletso ya go a tlodisa mo lefatsheng leno.

Bone joo go ya ka Superintendent Mookodi bo tlaa ikgolola fela fa bo le mo seemong sa go ka ntsha bosupi jo bo tlhomamisang fa go bolawa ga ditonki tseo go ne go le ka fa molaong, ntlha e e ka tlhomamisiwa ke diteseletso tsa go letla go bolawa ga tse di umakegang mo kgannyeng eo go tswa mo magosing a metse e e amegang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : Molepolole

Event : Potsolotso

Date : 15 Feb 2016