Breaking News

Thuto kgetsi ya tsie8232

15 Feb 2016

Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Monnathebe kwa Lesilakgokong, Mme Hellen Kgosiepelo, a re go tlhoka tlhokomelo ya batsadi ba baithuti bangwe ba sekole seo, go isa thuto ya bone kwa tlase.

 Mogokgo o buile se mo potsolotsong kwa Lesilakgokong bosheng.
A re ba ba lemogile gore baithuti bangwe ba nna mo malwapeng ba le nosi mme se se dire gore ba tlhoke ba ba ka ba rotloetsang go tsaya tiro ya sekole ka tlhwaafalo. 

A re selo se gape se baya bana ba ka fa mosing mo dilong di tshwana le bogakolodi jwa boitshwaro jo bo eletsegang. O boletse gape fa bangwe ba bana ba, ba iphitlhela ba le mo dikgannyeng tsa tiriso ya nnotagi mme e bile e a re morago ga sekole bana bao ba tlhamalalele kwa mafelong a go rekisiwang nnotagi kwa go one.

Mme Kgosiepelo a re go tsamaya sekgele se se leele ga bana ba ya sekoleng le gone go na le seabe se segolo mo go tlhokeng go dira sentle ga bone mo dithutong. O boletse fa bana bangwe e le ba mophato o o kwa tlase.

“Makgetho a mantsi a e leng gore e a re fa gongwe dithuto di tsweletse nako e tsamaela lesome kana lesome le motso, o bone ngwana e le gone a gorogang”, ga bua Mme Kgosiepelo.

Le fa go ntse jalo mogokgo o lebogetse ba khamphani ya ditlhaeletsanyo ya Orange ka tshwaragano le ba khansele ya Kweneng go bo ba ntshitse dikotshekara  di le nne tse di pegang bana mo mosong go ba isa sekoleng le maitsebowa go ba busetsa malapeng le moithaopi yo o dirisang ditonki tsa gagwe go golega sekotshekara se sengwe se se setseng se le mo tirisong.

A re lefa go ntse jalo, ga go a lekana ka gore bana ba bantsi e bile ba ka seke ba tsene mo go sone. ENDS

Source : BOPA

Author : Keorapetse Kgomotso

Location : LESILAKGOKONG

Event : Potsolotso

Date : 15 Feb 2016