Breaking News

Otlhabanye a re dikoporase di boele mo seemong

15 Feb 2016

Mogolwane wa lephata la tlhabololo dikoporase,  Rre Motse Otlhabanye, o gakolotse maloko a dikoporase tsa Mahalapye le Shoshong go di busetsa mo seemong se di tlholegileng di le mo go sone.

Rre Otlhabanye o buile mafoko a kwa bokopanong jwa maloko a dikoporase kwa Mahalapye ka mafelo a beke.

A re go a itumedisa go bo maloko mangwe a dikoporase a santse a bona bomosola jwa go kopana ntswa ba ne ba sale ba tsene phuthego ya bofelo ka ngwaga wa 2010.

O ne a tlhalosa gore mo go supa gore ba ikiteile ka thupana go busetsa serodumo sa dikoporasi kwa di tlholegileng di le mo go sone.

Ka jalo o ne a ba akgola fela thata bogolo jang koporase ya Mahalapye District Co-operative Marketing and Credit Society.

Rre Otlhabanye a re ga se bone koporase ya ntlha go reketla mo leatsheng leno, a kaya gore dikoporae ka bontsi di phutlhame mme go mo maruding a maloko go  di emela ka dinao. 

O ne a tlhalosa gore dikoporase ka bontsi di ole ka go ne ga nna le dikgwetlho tse dintsi tse di bakileng gore di we, ka jaana se ba neng ba se dira se ka tswa se sa tlhole se kgonega ntateng ya leuba kgotsa dikgoreletsi tse di ngwe tse di seng mo taolong ya bone.

A re gongwe koporase e ne e gweba ka dikgomo kgotsa ka temo-thuo mme ka go le leuba koparase ya felela e wa, a tlatsa ka gore ke nako jaanong ya go bona gore ba ka dira jang go di tsosolosa.

A re koporase ke kgwebo mme ba ka di tsosolosa ka go batla dingwe ditsela jaaka go okela banana mo go tsone ka bone ba na le methale e mesha e ba ka ba e fang gore ba tsoge.

O ne a ba kopa gore le fa ba dira se ba seka ba lebala gore molao wa dikoporase wa reng e se re gongwe ba tloga ba iphitlhela ba tlotse molao.

A re puso le yone e dira ka gotlhe go bona gore e busetsa serodumo sa dikoporase, a tlatsa ka gore bogolologolo dikoporase di ne di tlhabolola metse, di aga malwapa le tse dingwe tse di siameng mme nako e gorogile ya gore di boe di dire jalo gape.

O ne a re ba lebalebe methale e mengwe e mesha e jaanong ba ka dirang gore dikoporasi di ka ba busetsa, a tlatsa ka gore ba tshwanetse go dira ditkgwebo tse ka tsone ba ka akolang mananeo a puso a tshwana le a EDD le ESP.

Rre Otlhabanye a re mafatshe ka bontsi a tlhabologile ka ntata ya go tshegetsa mowa wa go nna le dikoporase, ka batho ba teng ba ikopantse

Mo go tse dingwe, o ne a ba gakolola gore e re ba ntse ba leka go tsosolosa dikoporase tsa bone jaana, ba lebe gape le molao gore one wa reng, a fa sekai ka molao o o reng koporase nngwe le nngwe ba tshwanetse go bona gore ba nna le bokopano jwa ngwaga le ngwaga jo ka jone ba itlhatlhobang ba itshekatsheka gore a ba dira sentle.

A re go simolola ka kgwedi ya Moranang, koporase nngwe le nngwe mo lefatsheng e tshwanetse go bona gore ba setse molao morago ka go sa nneng jalo ba tsile go tseelwa dikgato.

A re le maloko fela a tshwanetse go itse molao o o ba tlamang go tsena bokopano ka fa motho a sa tsene bokopano makgetho a le mararo koporase e na le tshwanelo ya go mo ntsha.

O ne a gatelela mafoko a a reng ‘moroto wa esi ga o ele’ ka jalo ba tshwanetse go nna seopo sengwe mme ba dira mo go tshwanetseng go tlhabolola matshelo le metse ya bone.

Fa a simolodisa phuthego eo, Kgosi Duncan Segotsi wa Mahalapye  o ne a re go a itumedisa go bona e re morago ga dingwaga di ka nna tlhano koporase e ne ya itharabologelwa

Kgosi Segotsi a re dikoporase ka bontsi di phutlhame mme go mo maruding a maloko go ema ka dinao go bona gore ba dira sengwe.

O ne a ba akgola go menagane go bo ba sa ipona tsapa go dira bokopano joo mme a kopa gore ba bue le ba bangwe ba ba sa tlang mme e le maloko gore ba simolole go itse fa jaanong dikoporase di tsosolosiwa. ENDS

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : MAHALAPYE

Event : bokopanong jwa maloko

Date : 15 Feb 2016