ESP e simolodisitswe semmuso
15 Feb 2016
E rile ka Matlhatso, Tautona Lt Gen.Dr Seretse Khama Ian Khama a simolodisa semmuso lenaneo la go rudisa itsholelo la Economic Stimulus Programme (ESP).
Tiro ya go simolodisa lenaneo la ESP e ne e tshwaretswe kwa Machaneng mo kgaolong ya Sefhare/ Ramokgonami
Lenaneo la ESP le tlaa ama dikgaolo tsotlhe tsa lefatshe leno mme le tlaa itebaganya le tse di farologaneng jaaka mhama wa temo-thuo, bojanala, kabakanyo itsholelo, tsa dikago le tsa madirelo.
Go tlaa agiwa dikago tsa puso di akaretsa matlo a borutelo, matlo a badirelapuso, go tlhabololwa dikago tsa botsogo, ditsela le go tsenya ditlamelo kwa ditsheng.
Fa a bua kwa tshimolodisong ya lenaneo le, mopalamente wa Sefhare/Ramokgonami, Mme Dorcas Makgato, o ne a bolela fa e le ditso tse ditona go bo tshimolodiso ya lenaneo la ESP e ntse mo kgaolong ya gagwe.
A re go bo badirelapuso ba agelwa matlo a le 25 mo kgaolong ya gagwe ga se matshamekwane ka jalo banni ba tshwanetse ba opele lenaneo leo legofi. O ne a atla lenaneo la ESP a bolela fa le tsile ka nako e e siameng.
Mo potsolosong, Mme Makgato o ne a re mo kgaolong ya gagwe go tlaa nna le ditlhabololo di le mokawana mme di tlaa thusa banni ba le bantsi go bona ditiro.
O tlhalositse gore mo kgaolong ya Sefhare/ Ramokgonami, kago ya matlo mangwe a badirelapuso e setse e simolotse mme dikhamphani tsa bana ba Batswana di setse di simolotse dikago tseo.
Mme Mokgato, yo gape e leng tona wa Botsogo, a re se, se supa fa puso e dira maitlamo a yone a lenaneo la ESP.
A re go tlaa nna le kago ya matlo a le masome a mararo le botlhano a SHHA a lenaneo la turnkey mo metseng ka go farologana mo kgaolong ya gagwe a bolela fa gape go tlaa tsenngwa ditlamelo di tshwana le tsa metsi le ditsela mo sebakeng sa ntlha sa ESP.
Mme Makgato a re metse e e tlaa anywang tseo ke ya Tumasera/Seleka mo ditsheng di le 1 000 fa motse wa Sefhare one e tlaa nna ditsha di le 559.
Mo go tse dingwe, a re ditsela tse di tlaa dirwang ke ya Dibete-Mookane-Machaneng ya sekgele sa 132km le ya Radisele-Pilikwe ya sekgwele sa 21 km.
Mokwaledi mo lephateng la thuto le tlhabololo dikitso, Rre Richard Matlhare, o ne a bolela mo potsolosong gore mo dikoleng tse dikgolwane go na le barutabana ba le 26 000 mme ba tlhokana le matlo a feta 5 000.
A re puso e ne ya sekaseka gore go ka dirwa jang mme ya bona lenaneo la ESP e le lone le le lebaneng gore le direle Batswana ditiro e bile gape le thusa le mo ditlhabololong tsa puso tse di neng di saletse kwa morago.
Rre Matlhare a re matlo a dithuto tsa maranyane bontsi jwa one a fetogile matlo a borutelo ka jalo lenaneo la ESP le tlaa thusa gore matlo ao a fetoge e nne a dithuto tsa maranyane.
A re le dikago tsa matlo a borutelo di tlaa fokotsa mosuke o o leng teng mo dikoleng. ENDS
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : MACHANENG
Event : Tshimolodiso semmuso ya ESP
Date : 15 Feb 2016






