Banni ba Oliphants Drift ba ikemetse ka dinao
15 Feb 2016
Banni ba motse wa Oliphant’s Drift mo kgaolong ya Mochudi Botlhaba ga ba ipone tsapa go tokafatsa matshelo a bone.
Bangwe ba inaakantse le mananeo a nyeletso lehuma, a puso e a ntshitseng go leka go nyeletsa lehuma.
Le ntswa motse o, o le monnye, se, ga se kgobe banni marapo ka ba tswelela ka go betla le go dirisa methale yotlhe ya itshetso.
Banni ba dirisa mahulo le noka e e fitlhelwang mo motseng wa bone go rua dihutshane le gone go tshwara ditlhapi.
Bontsi bo dirisa lenaneo la mmuso la nyeletso lehuma le ka lone ba neetsweng dihutshane go itshetsa.
Bangwe ba banni ba inaakantse le go tshwara ditlhapi mo nokeng ya Madikwe e ntse e le ka lenaneo la nyeletso lehuma.
Banni ka kakaretso le bone ba kgona go reka teseletso ka P30 go tshwara ditlhapi lebaka la kgwedi. Mme ka jalo matshelo a bone a a tokafala ka ba bona letseno la madi morago ga thekiso.
Mme Maggie Malope yo o dingwaga tse 35 le Mme Mmatsatsi Molefe yo o dingwaga di 38, ba tlhalosa fa ba thusitswe ka didirisiwa tsa go dira meriri ka 2012. Ba tlhalosa fa kgwebo e le boutsana ka bontsi jwa batho ba motse o ba sa dire moriri ka dipalo tse di nametsang.
Fela bobedi jo bo tlhalosa fa ba bona letseno ntswa go le boutsana.
Mme Molefe o tlhalositse fa a bereka gape mo Ipelegeng go leka go tokafatsa botshelo jwa gagwe.
Bobedi jo bo tlhalosa fa ba kgonne go oketsa didirisiwa tsa bone ka letseno le ba le boneng le go tlatsa ka madi a bone.
Rre Mooketsi Molatlhegi yo o dingwaga tse 39, o tlhalositse fa le ene a thusitse ka tente, ditilo di le 50 le ditafole di le 12 ka ngwaga wa 2013.
“ Manyalo mo motseng a boutsana, mme fa ke tswela kwa ntle go nna botoka. Maloba ke ne ke ile Lentsweletau le Tonota mme ke ne ka bona letseno le le botoka”, ga tlhalosa Rre Molatlhegi.
O tlhalositse fa a dira le batho ba bangwe ba le bararo ka ba sa ntse ba emetse ditente tsa bone.
Banni ba akgola puso go bo e ba rutuntsha ka go tsamaisa dikgwebo pele ba neelwa madi go simolola kgwebo.
Ba tlhalositse fa ba tle ba rulaganyetswe dithuto thutano ka ga dikgwebo tsa bone mme ba lebogela gore seo se ba tiisa mooko fela thata. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kesego Ngwai
Location : Oliphant\'s Drift
Event : Potsolotso
Date : 15 Feb 2016






