Breaking News

Molelwane wa MabolweMlambaphele o tlaa bulwa

15 Feb 2016

Mafatshe a Botswana le Zimbabwe a dumalane gore kgoro ya molelwane ya Mabolwe/Mlambaphele e simolole go agwa e bo e bulwe ka bofefo.

Se, se dumelwane ke botona ba selegae ba mafatshe oo mabedi fa ba ne ba etetse lefelo le kgoro ya molelwane e tlaa agiwang teng.

Mookamela lephata la dipasa le mesepele wa lefatshe la Zimbabwe Rre Stephen Museki, o tlhalositse fa e tlaa re kgwedi ya Motsheganong e tlhola gangwe lefatshe la Zimbabwe le simolole go aga dikago tse di tsileng go dirisiwa fa kgoro ya molelwane e sena go bulwa ka kwa ntlheng ya lefatshe la bone.

Rre Museki o boletse fa kgoro ya molelwane e tlaa simolola go bulwa ka nako ya borataro mo mosong go tsena nako ya boferabobedi maitseboa mme e re nako e ntse e tsweletse e nne e butswe dinako tsotlhe e sa tswalwe.

Tona wa Lephata la Selegae wa lefatshe la Zimbabwe Rre Ignatius Chombo, o tlhalositse fa kgoro e ya molelwane e le botlhokwa fela thata e bile e tshwanetse go potlakelwa go bulwa ka bonako ka batho ba ba nna gaufi le molelwane oo, mo mafatsheng ka bobedi e le masika e bile ba tlamega go nna ba etelana mo mererong e tshwana dintsho,manyalo le mediro ya ngwao.

Tona o ne a tswelela ka go tlhalosa fa go bulwa ga kgoro e ya molelwane go tla itsa batho ba mafatshe oo mabedi go tlola molelwane e se kafa molaong.Rre Chombo o boletse fa go bulwa ga molelwane go tlaa tiisa botsalano jwa mafatshe oo mabedi jo bo tswang kgakala ka jalo a tlhalosa fa dikgang tsa go utswiwa ga leruo mo lefatsheng la Botswana le tlodisetswa kwa Zimbabwe di tlogelelwe bogogi jwa metse ya mafatshe oo mabedi e e bapileng le kgoro e ya molelwane gore ba tle ba di rarabolole fa molelwane o sena go bulwa.T

ona wa pereko le selegae wa lefatshe la Botswana Rre Edwin Batshu, o boletse fa a ne a kopa tona ya selegae ya lefatshe la Zimbabwe yo a leng mosha mo tirong go tla go bona lefelo le kgoro ya molelwane e tlaa bulwang teng.

Le fa go ntse jalo tona o ne a feta a lekola banni ba motse wa Gobojango mo phuthegong ya nakwana mo kgotleng ya motse oo.Tona o tlhaloseditse banni fa a tsile le tona wa selegae wa lefatshe la Zimbabwe go tla go ba tlhomamisetsa fa kgoro ya molelwame e tlaa bulwa mo bogaufing.

Tona o ne a tlhalosetsa banni ka ditirelo tsa lephata la gagwe a re banni ba tshwanetse go direla bana Omang fa ba sena go wetsa dingwaga tse di lesome le borataro pele ga malatsi a le masome a marataro a wela.

Tona o ne a tlhalosa fa lephata la gagwe le tsile ka molao wa gore kereke e kwadisiwe fa e na le maloko a le lekgolo le masome a matlhano go baakanya molao wa pele o batho ba neng ba sa o dirise sentle go kwadisa dikereke. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Pauline Mothudi

Location : Mabolwe

Event : Bokopano

Date : 15 Feb 2016