Breaking News

Kgwebo ya manoko e wetse tlase

14 Feb 2016

Kgwebo ya manoko e ile ko tlase mo toropong ya Francistown jaaka bagwebi ba one ba bolela fa mono ngwaga a tlhaela.

Mangwe a mabaka a ba reng a dirile gore kgwebo e bo e le ko tlase ke go bo pula e sa ne kwa lefatsheng la Zambia ko ba a rekang teng.

Mme Keene Majeremane, yo o rekang manoko ko Zambia go tla go rekisetsa bagwebi mo Francistown o boletse fa dipula tse di ko tlase di dirile gore ba reke manoko ka palo e e ko tlase mme ditlhwatlhwa tsone di ile ko godimo.

Jaanong le bone ba patelesega go oketsa ditlhwatlhwa mo bagwebing ba bone ka a re ngwaga o o fetileng ba ne ba rekisa kopi ka dipula tse di lesome le botlhano mme ngwaga ono ba e rekisa dipula tse di masome a mabedi a dipula.

Mme Majeremane o boletse fa kgwebo e ile ko tlase e bile ba ntse fela ka go sena se ba se rekisang mme o boletse fa ba sa bone seemo se se ka ya tlase mo bogautshwaneng ka seemo sa  pula se sa solofetse mme se se ba amile fela thata ka ba itshetsa ka go rekisa manoko.

Mongwe wa bagwebi ba ba itshetsang ka go rekisa manoko, ebong Mme Chedu Sigengwa o boletse fa kgwebo ya gagwe le ene e amegile fela thata. O boletse fa a rata go rekisa manoko ka a sa senyege ka pela jaaka maungo mme gape a rekisiwa dipaka tsotlhe.

A re jaanong ga a sa tlhole a rekisa ka palo e e ko godimo ka ntlha ya gore ba ba ba rekisetsang ba isitse ditlhwatlhwa ko godimo mme go dira gore a reke ka palo e nnye go na le jaaka pele.
Mme Sigengwa o boletse fa manoko a a apeilweng ka metsi a rekwa thata, mme jaanong ka ga a bonale motlhofo, bagwebi bangwe ba itlhobogile ka a bonwa ka boutsana, segolo bogolo jang ka ga a bonwe mono.

Yo mongwe mogwebi wa manoko, Mme Elizabeth Chaka, o boletse fa a na le dibeke di le pedi a sena manoko mme keletso ya gagwe ke gore a ka bo a ya go a  reka ko lefatsheng la Zimbabwe ka a le mantsi koo, mme mathata go emisitswe gore motho o ka reka teng a tsisa mo Botswana.

Mme Chaka a re bareki ba gagwe ba a mo tshwenya ka ba batla manoko ka go bo ba a rata thata mme o felela a ba lebile fela a itshopere. A re kgwebo ya manoko e ne e mo thusa fela thata ka motho fa a a rekisa, a ka se lale ka tlala.
Mogwebi yono o boletse fa seemo sa tlhaelo ya manoko se simologile ngwaga o o fetileng o tloga o fela go tla go fitlha motlheng ono. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keitumetse Letlhogela

Location : Francistown

Event : Potsolotso

Date : 14 Feb 2016