Tshwene o itshetsa ka mofufutso wa phatla
14 Feb 2016
Monni mongwe wa Shoshong, Rre Dikokole Tshwene a re ene o dumela gore talente e motho a nang le yone fa e dirisiwa sentle e ka tokafatsa botshelo jwa mong wa yone.
O boleletse BOPA mo potsolotsong gore e ne ditalente tsa gagwe tsa go betla le temo ya ditlhare di mo isitse golo gongwe mo botshelong.
A re temo le thekiso ya ditlhare e a e simolotseng dingwaga tse di masome a mabedi tse di fetileng, di tsisa botsogo le botshelo mo go ene ka e bogadi bo gaufi, e bile ga e mo lope madi a a kalokalo.
“Ga ke dirise sepe se se rekwang, mmu ke o tsaya mahala, le peo e ke e lemang ke e sela mo nageng kgotsa ke baya tsa maungo a ke a rekileng ke bo ke lema tsone, metsi ke one fela a ke a duelelang,” a tlatsa ka gore fa dipula di na o a beeletsa.
Rre Tshwene o lema ditlhare tse di farologaneg di akaretsa tsa naga jaaka jakaranda, roses, elephant tree, monepenepe, le maungo a tshwana mango, guava, popo, perekise le moretlwa wa sekgoa.
Fa go tla mo go tsa thekiso le go ipapatsa, Rre Tshwene a re ga gona letsapa le mo fisang pelo ka banni ba setse ba itse ka kgwebo ya gagwe, e bile ka ditlhare tsa gagwe di kgatlhisa ka dinako tsotlhe, banni ba bolelelana ka ga ene mme ba tle go reka.
'Bangwe ba na le nomore ya me ya mogala, ka jalo ba a nteletsa go tsenya dikopo tsa go tsisediwa ditlhare, mme ke dire jalo ka ke le boikanyego,' a bua jalo a nyenya.
Tiro ya go betla yone a re o e etse sekoleng, mme fela jaaka ya go lema ditlhare o e tsaya jaaka talente e a e filweng ke Modimo 'ka tota e le ene mothatiyotlhe, e bile dikitso le botlhale di tswa kwa go ene.'
A re o tsenya ceiling ya legong e a e kgabisang go ya ka fa yo o tsenyediwang a batlang ka teng, o tsenya gape dikobotlo tsa mo ntlwaneng ya boapeelo tse a di direlang banni ba mo Shoshong le ope fela yo o mo hirileng.
E re ka dikgwetlho di seke di tlhokega, a re nngwe ya tse a kopanang natso ke ya gore ba bantsi ba ba dirang tiro ya mofuta o, fela ene o itlhoma kwa pele ka go dira ka natla ka dinako tsotlhe.
'Ga ke na molekane fa go tla mo go tsenyeng le go kgabisa ceiling ya legong ya tlhwatlhwa, ba ba nkitseng ba mpoka ba re 'a naturally gifted graphic designer ka puo ya seeng.'
E re ka go itirela ka diatla tsa gagwe go mo tshetsa, Rre Tshwene a re thotloetso ya gagwe mo setshabeng ka kakaretso ke gore ba dirise ditalente tsa bone go itshetsa, ba latlhe mowa wa go batla go hirwa, a gatelela gore diphatlha tsa mmereko ga di sa tlhole di le teng jaaka bogologolo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Boitshepo Setogile
Location : Shoshong
Event : Potsolotso
Date : 14 Feb 2016






