Ba Topisi ba lela ka dipagamo
14 Feb 2016
Banni ba Topisi ba lela ka dipagamo tsa setshaba tse di ganang go ba pega fa kgwedi e fedile.Ba buile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama ko Topisi ka Labone gore dipagamo tsa setshaba ga di ba pege fa kgwedi e fedile.
Ba re ba bona go pagama fela fa kgwedi e le fa gare.Banni ba ngongoregile gape ka letlhoko la metsi mo motseng wa bone ga mmogo le tlhaelo ya matlo a boroko ja badirelapuso.
Banni ba kopile go direlwa lefelo la itloso bodutu le banana ba ka le dirisang go na le go nwa bojalwa kana ba dira ditiro tsa borukutlhi.
Fa a araba matshwenyego a bone, Tona wa dipgagamo le ditlhaeletsano Rre Tshenolo Mabeo, a re tsamaiso ke gore dipagamo tsa setshaba bogolo jang dibese di eme mo maemelong a dibese go sa kgathalesege gore motse o kana kang.A re banni ba Topisi ba ba itsise ka dibese tse di ganang go ba pega gore beng ba tsone ba tseelwe dikgato.
A re go supa fa ba sa dirise teseletso e ba e filweng sentle mo go ka felelang ba gapetswe diteseletso tseo.Rre Mabeo o tlhalositse gape fa terena e boela mo tirisong mme e tsile go ema mo mafelong a a nang le batho ba bantsi fela jaaka Lobatse, Gaborone, Mahalapye, Palapye, Serule le Francistown.Fa a tswa la gagwe, tona wa ditsha le matlo Rre Prince Maele a re lephata la gagwe le ya go aga matlo a le 540 ka lenaneo le le itsegeng la ESP.
A re tlhaelo ya boroko ja badirelapuso e amile bodirelapuso ka kakaretso eseng Topisi fela, a re puso e beile mo banning ba Topisi go aga matlo a puso e ka a hirisetsang badirelapuso.
O gakolotse gore matlo a teng a bo a le mo seemong se se siameng.Tona wa Banana, metshameko le ngwao Rre Thapelo Olopeng, a re lephata la gagwe le simolotse dipuisano le la dikgaolo le tlhabololo magae gore ba tseye diholo tse di mo metseng ba di dire mafelo a itloso bodutu.A re kgang e e santse e buisanngwa.
Ka letlhoko la metsi, mogolwane wa koporase ya metsi Rre Maretla Masire a re koporase e ikaelela go atolosa metsi mo motseng wa Topisi le go isa ditanka tsa metsi ko godimo ka di ntse di le ko tlase ga motse mme di bake gore metsi a tswe ka bonya.
A re tiro e e santse e ile go kopelwa madi.Mothusa tona wa Temo Thuo ebile ele moplamente wa kgaolo eo Rre Kgotla Autlwetse o lebogile Tautona go bo a kgonne go tlogela ditiro tsa gagwe tse di kanakana go etela banni ba motse wa Topisi.A re se se supa lorato le tlotlo mo banning ba Topisi.O lebogetse dimpho tse Tautona a di fileng banni ba Topisi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : Topisi
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 14 Feb 2016






