Breaking News

Go lwela madi go koafatsa makgotla a morafe

11 Feb 2016

Puso e tshwentswe ke dintwa tse di golelang pele tsa go lwela madi ga maloko a makgotla a morafe (trust).

Fa a bua bosheng, modulasetilo wa khansele ya Bokone Bophirma, Rre Reaboka Mbulawa, o boletse fa molaodi a sa tlhole a dira tiro ya gagwe mo kgaolong mme a tlhola fela a itewa tsebe ke dikgang tsa makgotla tse di amanang le madi.

A re makgotla a, a tlhametswe go tshetsa morafe.  A re go atile mokgwa o o maswe mo malokong mangwe a makgotla ao, ka go iteba bone fela go akola dipoelo tsotlhe tsa makgotla ao.

Rre Mbulawa a re motlha o tsile wa gore puso e tswe ka methale e ka yone morafe le one o ka akolang dipoelo tsa makgotla a, ga mmogo le gone go dira ditlhabololo mo metseng.

 A re puso e tshwanetse go tswa ka methale e mesha ya go tsamaisa makgotla a merafe go fema tshenyo.

Fa a akgela mo dikgannyeng tsa go ikgagapelela madi, motshwarelela mookamedi wa Mababe Zukutsama Community Development Trust, Rre Batlwaetse Kebuelemang a re dikgotlhang mo makgotleng a morafe di bakiwa ke lemmenyana le go atswiwang maloko ka lone. 

A re fa go tlhophiwa maloko, ga go lebelelwe bokgoni jwa motho go lebelelwa dikgatlhego tsa ba ba tlhophang ba gabile go ja sengwe mo go ba ba tlhophilweng.

Rre Kebuelemang a re morafe ke one o tshwanetseng go tsaya tshwetso ya go leboga maloko go lebeletswe ka fa a dirileng ka teng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keagisitse Dioka

Location : Maun

Event : Bokopano

Date : 11 Feb 2016