Breaking News

Kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa

11 Feb 2016

Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Mmusi, Mme Seabi Moreti, o kopile batsadi go ema barutabana nokeng.

E rile a bua mo bokopanong jwa batsadi ba bana ba ba simololang sekolo, mogokgo a tlhalosetsa batsadi gore sekole sa bone ke lantlha se amogela bana ba bannye thata (reception), mme o ne a kopa batsadi go bereka le barutabana a kaya fa kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa. 

O tlhalositse fa kwa ntle ga kemo nokeng ya bone ba ka se kgone ba le nosi a tlatsa ka gore ba eletsa go bona batsadi ba eme ka dinao mo dithutong tsa bana ba bone.

“Lenaneo le, le siame ka ga se motsadi mongwe le mongwe yo o neng a kgona go isa ngwana wa gagwe mo dikoleng tse di duelwang, jaanong a re le eme nokeng”,g a tlhalosa jalo Mme Moreti.

Godimo ga moo, o ne a supa fa batsadi bangwe ba ikgatholosa kopo ya go ya go bona tiro ya bana kwa sekolong.

Mogokgo Moreti o ne  gape a gakolola batsadi gore ba godise bana sentle le ka lerato a supa fa  ngwana e le motho yo o ratang go kopa sengwe le sengwe mme o ne a rotloetsa batsadi gore dinako tsotlhe ba netefatse gore ga ba dire sepe fa pele ga bone se se ka ba itayang tsebe. 

O ne a supa ngongorego ka palo ya batsadi ba ba neng ba tsile bokopanong joo, a supa fa bana ba mophato oo ba le masome a marataro mme go iponaditse batsadi ba se kae fela,.

Fa a tswa la gagwe. mothusa mogokgo, Mme Felicia Moahi, o ne a kopa batsadi go duela P30 yo o lopiwang ngwaga le ngwaga go tswa mo baithuting botlhe.

A re madi ao, ba a dumalane le batsadi gore a duelwe fa ngwana a tsile go kwadisiwa gore a kgone go thusa mo ditirong dingwe tsa sekole fa ba santse ba emetse thuso e e tswang khanseleng.

Mme Moahi o ne a tlhalosetsa batsadi gore madi ao, ba a dirisa mo ditirong tse dingwe mo sekoleng a a fa sekai ka pompo fa e senyegile a re  ba kgona go batla mongwe go e baakanya ka bonako.
O boletse fa bangwe ba batsadi ba ne ba kopile gore ba tlaa  duela moragonyana mme nako kgolo ke eno. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mary Mofaladi

Location : Mochudi

Event : Bokopano

Date : 11 Feb 2016