Lehuma ke selo sa maloba
10 Feb 2016
E re ka mogologolo a kile a re ya re go tlogelwa tsatsing se ikise meriting, mongwe wa Batswana ba ba sologetsweng molemo ke mananeo a nyeletso lehuma,o boletse fa a setse a lebetse gore lehuma ke phologolo ya maoto a le kae ka gore le ene o kgona go tsamaisa botshelo jwa gagwe ka fa a batlang ka teng.
Mme Malebogo Johannes wa dingwaga tse di masome a matlhano le bongwe wa Kudumatse mo kgaolong-potlana ya Mahalapye a re o leboga puso go menagane go ba tla matshidiso ka mananeo a mantle a.
Mme Johannes a re ka phokoje go tshela yo o dithetsenyana, o ne a bona go le botlhokwa mo go ene go batla tsela ya go ka tlamela ba lelwapa la gagwe mme a bone thuso mo lenaneong la nyeletso lehuma.
O boletse fa ene a dira kgwebo ya go roka diaparo tse di senyegileng le go dira tse disha, a tlatsa ka gore e ne ya nna yone tsela e a itlhophelang yone ka a na le lerato le dikitso mo go yone.
O tlhalositse fa a tswa kgakala le kgwebo e ya go roka sebe sa phiri e le go tlhoka didirisiwa tse di maleba go ka e dira bonolo.
A re o e simolotse a dirisa motshine wa letsogo o o neng o tsaya nako e telele go roka seaparo se le sengwe nako e ntsi.
A re mo nakong eo, o ne a lebanwe ke kgwetlho e tona ya tlhaelo ya ditsompelo, a tlatsa ka gore go tlhoka didirisiwa go ne ga seka ga mo kgoba marapo go tswelela pele mo tirong e a e ratang bobe.
O tswelela a tlhalosa fa e ne ya re ka ngwaga wa 2013 a ntse a wa a tsoga le kgwebo ya gagwe, ba lenaneo la nyeletso lehuma mo khanseleng-potlana ya Mahalapye ba tswa thuso bagwebi ba kgaolo eo ba ba neng ba na le keletso mo ditirong tsa diatla.
O tlhalosa fa a ne a seka a nna maoto a tshupa mme a ikwadisa go nna mongwe wa bagwebi bao.
A re ba ne ba tlhophiwa go ya ka ditiro tsa bone tsa diatla tse ba eletsang go ikoketsa dithuto mo go tsone,mme ba isiwa ithutuntshong kwa sekoleng sa ithutelo tiro ya diatla.
Mme Jonannes o tlhalosa fa a ne a nna le sebaka sa go kopana le bagwebi ba ba farologaneng, a tlatsa ka gore se, se ne sa mo thusa go abelana megopolo e e farologaneng ka dikitso tsa kgwebo.
A kaya fa go bona sebaka seo go ne ga mo tiisa moko le go feta mo tirong ya gagwe.
A supa gore morago ga go wetsa inthutuntsho eo, a itoma molomo wa tlase gore o tla bereka ka natla go dira dithoto tsa boleng.
O boletse gore morago ga dithuto o ne a abelwa didirisiwa tse a di tlhokang e bile e le tsa boleng jo bo kwa godimo tsa motlakase go tlhofofatsa tiro.
Go ntse go le foo, a re o leka ka bojotlhe go itepatepanya le kapari ya paka nngwe le nngwe ya ngwaga, a tlatsa ka gore o itemogetse fa kapari le yone e fetoga gangwe le gape.
A re o lemogile fa letsela la leteisi e le lone mo nakong tsa gompieno le ratiwang bobe ka jalo o inaakantse le go dira diaparo ka lone,a tlhalosa fa le le bogadi bo gaufi gape le mo thusa go itshetlela.
O tswelela a tlhalosa fa ka seno sebaka a kgona go tsenya bana ba gagwe dikole ka madi a go roka.
Ka kgwebo nngwe le nngwe e na le dikgwetlho tsa yone, o tlhalosa fa mo dikgweding tsa ngwaga o simologa go fitlha tsa mariga go sena theko e e kalokalo.
O tswelela a supa fa dikgwedi tsa paka ya selemo go ya kwa mafelong a ngwaga kgwebo e nna ntsi thata, a tlatsa ka gore ke yone nako e a rokelang batho thata kapari ya manyalo ka jalo dipoelo e nne tse di botoka.
Le fa gontse jalo,o ne a gwetlha ba ba maoto a tshupa go ikopela mananeo a puso go ka intsha mo lehumeng la nta ya tlhogo.
O ne a kgothatsa banni ba Kudumatse go tsaya mananeo a tsia go ka fetola matshelo a bone ga mmogo le go tlhamela ba bangwe ditiro.
Mme Johannes o rotloeditse bagwebi go sa letlelela dikgwetlho tse ba kopanang le tsone go nna mmaba mo dikgwebong tsa bone.ENDS
Source : BOPA
Author : Ogomoditse Johannes
Location : KUDUMATSE
Event : Phuthego
Date : 10 Feb 2016






