Breaking News

Monana o dirisa di tsa tlholego go itshetsa

10 Feb 2016

 Monana wa kwa Phuduhudu, mo kgaolong ya Ngamiland o itshetsa ka go dirisa maungo a ditlhare dingwe go dira mekgabisa.

Rre Boiphitho Lewis yo o dingwaga di masome mararo le bobedi o dumela fa mongwe le mongwe a tshwanetse go ema ka dinao go itshetsa ka puso e ka se kgone go thusa batho botlhe.

A re o dira manyena, dipalamenwana, mekgabisa ya melala le ya matsogo ka maungo a ditlhare.

O boletse mo potsolotsong fa a simolotse go nna le lorato la go dira ka diatla a sale mmotlana.

“Ke godile mo lwapeng le go ne go betliwa, go dirwa dibaga ka maungo a ditlhare, ka jalo go simolola kgwebo e, go ne go se thata mo go nna,” Rre Lewis a tlhalosa.

A re fa a sena go lemoga fa a na le lerato mo go direng mekgabisa, o ne a tsaya tshwetso ya go godisa talente ya gagwe. 

A re o ne a ithuta go dirisa methale e mesha ya go dira mekgabisa ka batsadi ba ne ba dirisa mantswe go thuba dithapo tsa mekolwane le diwaere tse di tshubilweng go phunya manyena

“Ke dirisa tshitswana e ke e itiretseng go phunya motlhofo fa ke dira manyena le mekgabisa e mengwe le shage go phatlola maungo a mangwe a a thata le go thubega,” a tlhalosa.

Rre Lewis o tsweletse ka go tlhalosa gore talente ya go dira ka diatla e ne ya senoga fa a setse a le kwa sekoleng se segolwane sa Makalamabedi kwa a neng a dira tsa botaki le go tshwantsha. A re morago ga go sa atlega kwa sekoleng, o ne a boela kwa Phuduhudu mme a tsweledisa talente

Morago o ne a thapiwa ke Xhauxhwatubi Development Trust ka ngwaga wa 2005. A re o ne a thusa ka dinako tsa letsomo, mme go supa fa e le motshwantshi o ne a tswelela ka go dira mekgabisa ya gagwe. Mekgabisa e o ne a e rekisetsa batswakwa le ba ba neng ba na le kgatlhego.

O ne a tlogela tiro ka ngwaga wa 2010 go tsweledisa talente ya gagwe. O ne a dira mekgabisa ya gagwe fela a le mo lwapeng ka a ne a sena lefelo le a direlang mo go lone.

Rre Lewis a re o dirisa moretologa wa kgomo, motswere, mitlwa ya noko, mophithi, peo tsa mogotlho le dibaga go dira mekgabisa e. O tlhalositse fa a dirisa mamepe a dinotshi go phatshimisa tse a di dirileng gore di kgatlhe bareki.

A re o dirisa megala ya ditlhaeletsanyo e e latlhilweng go dira dibaga tsa matsogo.

O supile fa a thuba mokolwane mme a dirise thapo e e moteng mme morago a tshwantshe mo go yone.

Rre Lewis a re go phunya mophithi go tlhoka kelelelo ka fa o sa tlhokomele o ka felela o thubile nawa ya teng ka jalo go itsa seemo se o dirisa thipa e e dirisiwang ke ba botaki.

O tsweletse ka gore moretologa wa kgomo o tla ka dipaka tse di farologanyeng, mme ene o dirisa o o setseng o omeletse, e bile o setse o emisitswe go jewa ka e le one o o nang le mmala o montle. O tlhalosa ka gore dipeo tsa mogotlho fa a di tsaya di tla di na le dikhukhwane mo teng tse di dirang gore peo e thubege.

“Go itsa go thubega ga dipeo tse ke reka dettol ke bo ke di tsenya mo teng ke kopantse le metsi go timola bogale jwa dettol. Morago fa ke di ntsha dikhukhwane di a bo di sule mme ke boloke dipeo tse go di dirisa mo mekgabiseng ya me,” Rre Lewis a tlhalosa.

O boletse fa a rekisetsa mekgabisa ya gagwe kwa dikgaolong di tshwana le Mababe, Khwai le Xaxaba ka e le gone kwa theko e leng botoka teng. Monana yo o supile fa banana ba Phuduhudu ba mo eme nokeng thata ka go reka dilwana tsa gagwe.

Gape o tlhalositse fa e le leloko la Okavango Artist Association fa e sale ka ngwaga wa 2012. A re go tseneleleng mokgatlho o, e ne e le tsela ya go rekisa mekgabisa e a e dirang mo Batswaneng ka dinako tsa ditshupo.

O tlhalositse fa a thusa ba Bird Life Botswana go bala dinonyane kwa Phuduhudu e le ka boithaopo. A re di balwa ngwaga le ngwaga mo dikgweding tsa Tlhakole le Ngwanatsele ka e le yone nako e dinonyane di leng motlhofo go balwa.

Le fa go ntse jalo, Rre Lewis a re Batswana ba nna ba re ke eng ba rekisa mekgabisa ka ditlhwatlhwa tse di kwa godimo le ntswa ba dirisa dilo tsa mahala. A re a mafoko ga a mo kgobe marapo ka a itse se a se dirang le dikgwetlho tse a fetang ka tsone go dira mekgabisa e.

O supile fa keletso ya gagwe e le go bona kgwebo ya gagwe e godile, ka mo nakong ya gompieno a direla fela mo lwapeng e bile a sena madi a go ka thapa mongwe go mo thusa.

A re go a bonala gore ditiro ga diyo mme banana ba sa tshwanela go itlhoboga mo botshelong. A re ba tshwanetse go nna le tsholofelo ya gore Modimo o ba dirile ba na le ditalente tse di farologanyeng ka jalo ba tshwanetse go di dirisa go itshetsa ga mmogo le go tlhamela ba bangwe ditiro. ENDS

Source : BOPA

Author : Montle Modisawamarole

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 10 Feb 2016