Breaking News

Lerala o atla Ya Tsie

10 Feb 2016

Banni ba Lerala ba re ba itumelela go bo motse wa bone o nnile mengwe ya metse e mokgatlho wa Ya Tsie o dirang dipatlisiso tsa kanamo ya mogare wa HIV mo go one.

Ba re Ya Tsie e butse banni ba le bantsi ditlhaloganyo tsa go bona gore go itse seemo sa motho nako e sale teng go ka boloka le gore go nna le mogare ga se bokhutlo jwa botshelo.

Ba buile jalo kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke maloko a Ya Tsie kwa Lerala bosheng.

Maikaelelo a phuthego eo e ne e le go arogana le banni tse Ya Tsie e setseng e di fitlheletse mo dipatlisisong tse ba di dirang.   

Mongwe wa banni, Mme Pateletso Sebi, Ya Tsie e tlaa thusa ba le bantsi ba ba neng ba le mo malwapeng ba na le letshogo la go ya kwa mafelong a itlhatlhobo gore ba itse seemo sa bone.

A re bangwe ba ne ba itlhatlhoba mme ba fiwa diritibatsi fa bangwe ba ne ba itemoga e le lantlha mo botshelong jwa bone ba dira ditlhatlhobo gore ga ba na mogare mme seo se thusitse botlhe ba ba nang le mogare le ba ba senang mogare go bona gore ba ka tswelela ba tshela jang.

Le fa go ntse jalo, Mme Rosina Morake o ne a gakolola Ya Tsie go akanyetsa ba ba kwa dipolaseng tse di bapileng le Lerala gore le bone ba tsenelele mananeo a HIV/AIDS. 

A re go le gantsi ba a lebalwa mme seo se sa siama ka e le bontlha bongwe jwa metse ya bone.

Mogolwane go tswa kwa Ya Tsie, Dr Mompati Mmalane o ne a lebogela tirisano mmogo ya banni le badiri ba Ya Tsie a bolela fa tiro ya bone e nna motlhofo.

A re mo dingwageng tsa dipatlisiso tsa bone ba tlaa tswelela ba etela ba ba neng ba itlhatlhoba go lekola botsogo jwa bone. 

A re o na le tsholofelo ya gore e tlaa re ba tsweletse le ditlhotlhomiso tsa bone ba ba neng ba na le poifo ya go itlhatlhoba ba tlaa fetola mogopolo. 

O tlhalositse fa lenaneo la Ya Tsie le tsisa ditlamelo kwa malwapeng a banni ka jalo ga go na yo o tlaa patelediwang go itlhatlhobela mogare mme go tlaa tlhatlhobiwa ka ditumalano.

O tsweletse a re ba ba fitlhelwang ba na le mogare ba fiwa ditlamelo tse ba tshwanetseng go di akola di tshwana le go tsaya diritibatsi nako e santse e le teng, go thibela kanamo ya mogare go tswa mo go mmangwana go ya kwa leseeng le gone go rupa ga borre. ENDS

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Lerala

Event : Phuthego

Date : 10 Feb 2016