Khansele e gapa leruo le le mo mebileng
10 Feb 2016
Khansele-potlana ya Bobirwa e simolotse go gapa leruo le le gobeyang kwa Bobonong go simolola kgwedi eno e tlhola gangwe.
Se se builwe ke mogolwane wa ofisi ya tiragatso molao mo khanseleng-potlana ya Bobirwa, Rre Douglas Segaki mo potsolotsong bosheng.
O boletse fa e se nnete gore dikoko le dintsa di seka tsa ruelwa mo malwapeng, mme a tlhalosa fa molao o, o tlhalosa fa dikoko le dintsa di tshwanetswe go agelwa fa di tlaa tlhatlhelwang teng gore di seka tsa tshwenya baagisanyi ka jalo di tshwanetse go nna fela mo lwapeng di sa tswele kwa ntle.
Mogolwane yo, o tlhalositse fa molao o, o sale o dirilwe ka ngwaga wa 1970 mme o ntse o dirisiwa kwa Serowe fela, mme e rile ka ngwaga wa 2006 wa phatlaladiwa le dikgaolwana tsa kgaolo ya Legare mme wa tlhoka go tsenngwa mo tirisong ka mabaka a go tlhaela ga ditlamelo.
Rre Segaki a re khansele-potlana ya Bobirwa e agile masaka aa tlaa tlhatlhelang leruo kwa morago ga sekole sa Mosetlha go bapa le lesaka la koporase.
A re morui o tlaa duela lekgolo la dipula fa leruo la gagwe e le lantlha le gapiwa, makgolo a mabedi fa leruo le gapiwa lekgetho la bobedi.
O boletse fa tlhogo ya kgomo, pitse le tonki e tlaa lopa lesome la dipula e le madi a ditshenyegelo tsa go tlhokomela leruo le ka letsatsi.
Rre Segaki a re leruo le le botlana jaaka dipodi, dintsa, dikolobe, dinku le tse dingwe madi a ditshenyegelo tsa tlhokomelo ya tsone e tlaa nna dipula tse tlhano tlhogo ya seruiwa ka letsatsi.
A re ba tlaa ikgolaganya le ofisi ya matlhoko a leruo go ba thusa go latedisa beng ba leruo ba dirisa ditshipi tse di mo leruong ka ofisi e e na le maina otlhe a beng ba ditshipi.
O gakolotse barui go tla go golola leruo la bone, mme ba tshwanetse go tla ka bosupi jo bo supang gore leruo ke la bone jaaka ditlankana tsa ditshipi le omang, fa ba ba romilweng ba tshwanetse go tla ka mekwalo e e supang fa ba romilwe e rurifaditswe kwa kgosing kgotsa kwa sepodising. ENDS
Source : BOPA
Author : Kago Kgosietsile
Location : BOBONONG
Event : Potsolotso
Date : 10 Feb 2016






