Gagamaletsang bana molao
10 Feb 2016
Kgosi Louis Siviya wa Siviya o kgaletse batsadi ba motse oo go sa gagamaletseng bana setoropo.
Fa a bua mo potsolotsong ka Mosupologo, Kgosi Siviya o kaile fa maitsholo a bana mo motseng wa gagwe a sa kgatlhe.
A re sebe sa phiri ke gore batsadi bangwe ba godisa bana ba ba neneketsa mo go feteletseng.
A re bangwe ba tshela ka go ketekwa ke bana ba bone ba batla madi segolo jang morago ga dikamogelo tsa madi a itshetso a bagodi.
Kgosi o supile fa mo mabakeng a mantsi dikgang tsa dikiteo tseo di felela fela kwa malwapeng ka e ntse e le bone batsadi ba tlhopha go bipa mpa ka mabele ba re ba tshabisa bana go ya go otlhaiwa ka fa molaong kwa kgosing.
Kgosi Siviya o ne a ikuela mo batsading ba bana ba bone ba santseng ba fatlhoga go agela mosako mafoko a motlapele a gore lore lo ojwa lo sale metsi; a re go dira jalo ke yone tsela e le yosi e e tlhomameng ya go tlhomamisa gore bolwetse joo ga bo jwelelele le dikokomane tsotlhe tsa motse oo.
Go sale foo, kgosi o ne gape a lela ka mokgwa wa banana ba motse wa gagwe wa go sa tsene diphuthego tsa kgotla le go sa nneng le seabe mo ditirong tsa motse.
A re ngongora ya banana ya gore ga ba rate kapari e ba patelesegang go e apara fa ba ya kgotleng ga se maipato a sepe ka jaana go seke go tlholwa letsatsi lotlhe kwa kgotleng.
Mo ntlheng e nngwe, Kgosi Siviya o ne a kopa banana go seke ba fela pelo fa dilo di sa diragale ka bofefo jo ba bo eletsang; a supa fa sepe se sentle mo botshelong se tlhoka maikemisetso le boitshoko.
O tlhalositse fa ba lephata la banana ba a tle ba phuthe banana ba motse go ba ruta ka mananeo a a farologanyeng a puso e a diretseng go thusa banana, mme e re morago ga go fiwa difomo go ikopela mananeo ba di bee fela kwa malwapeng mme morago ba ngongorege gore ga ba thusiwe go itlhabolola.
A re bao ba ba tlatsang difomo tseo le bone fa go diragala gore ba busiwe kwa diofising go ya go baakanya dilo dingwe ba ela ruri mme morago ba ngongorege ba re ga ba thusiwe sentle.
Mo ntlheng e sele, Kgosi Siviya o ne a ngongorega ka go epiwa ga motlhaba mo nokeng ya Senyawe; a supa fa seo se dirwa ntle le kelelelo e bile baepi ba motlhaba ba seke ba tla go ipega kwa bogoging jwa motse gore go kgone go lemogwa ba ba tsayang motlhaba e se ka fa molaong.
A re gape dikoloi tse di rwalang motlhaba le tsone di itaa bana ba sekole tsebe ka di feta fa pele ga sekole mme e re ka bananyana mo motseng ba sa tlwaela dikoloi tse di bogolo bo kalo ba felele ba sa tlhwaafalele go reetsa barutabana bone ba le mo go reng ba fiwe sebaka go tswela kwa ntle go lebelela dikoloi tseo fa di ntse di feta.
Se sengwe, o ne a supa fa e le go nna mo diphatseng tsa go thulwa ke dikoloi tseo ga bana ba sekole, segolo jang fa di feta ka nako ya fa sekole se tswa.
Mo go di sele, Kgosi Siviya o ne a supa boitumelo ka kwelo-tlase ya borukutlhi mo motseng wa gagwe.
A re le fa mo nakong e e fetileng ba ne ba apesitswe kobo ka letshoba ke go thujwa ga matlo, go utswiwa ga dithoto le go tsenelelwa mo matlong ga batho ba bo ba ketekwa ke dirukutlhi, seemo seo se fetogile mme go na le tshisibalo e kgolo mo motseng.
O ne a tlhalosa fa dipalo tse ba nang natso tsa mapodisi le tsone di itumedisa, mme go bonala ga bone mo motseng go thusitse go bepisa seemo. ENDS
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : SIVIYA
Event : Potsolotso
Date : 10 Feb 2016






