Breaking News

Batho ba le babedi ba tlhokafetse

09 Feb 2016

Mapodisi a Baines Drift a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone batho ba le babedi ba fitlhetsweng ba tlhokafetse fa yo mongwe a sa bonwe.

Assistant Superintendent Thusego Kenyafetse, o tlhalositse fa e ne ya re ka Labone ba begelwa fa monna wa dingwaga tse di masome a marataro le bongwe le mosadi wa dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano go ya go masome a mararo le botlhano ba fitlhetswe ba  tlhokafetse go bapa le masimo a Gosiame a a tlwaaelesegileng ka go bidiwa Mmadiphala.

Rre Kenyafetse a re monna yoo o fitlhetswe a na le ntho fa tlhogong le fa morago ga tsebe fa wa mme ene a fitlhetswe a bofeletswe mo setlhareng ka terata e bile a na le ntho mo tlhogong.

Superintendent  Kenyafetse o supile fa ba le mo patlong ya mme wa dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano go ya go masome a mararo le botlhano yo o tlholegang kwa Moletemane yo le ene go belaesegang fa a ka tswa a bolailwe.
Superintendent  Kenyafetse o kaile fa ba tshegeditse monna mongwe go ba thusa ka ditlhotlhomiso. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Moses Moleboge

Location : Baines Drift

Event : Potsolotso

Date : 09 Feb 2016