Seporofiti se latlhegetswe ke boleng-Jakoba
09 Feb 2016
Leloko la komiti e tona ya dikereke tsa semowa la Organisation of African Instituted Churches (OAIC), Arch-Bishop Sekai Jakoba o kopile baporofiti go ema ka dinao go busetsa boleng jwa kereke le seporofiti mo tseleng.
Moruti Jakoba o buile mafoko a kwa phuthegong ya bagolwane le baporofiti ba dikereke tsa semoya kwa Mahalapye ka mafelo a beke. O ne a tlhalosa gore baporofiti ka bontsi ba senyegile leina ga mmogo le dikereke tsa semoya ntateng ya seporofiti se se sa tshwarweng sentle.
A re seporofiti se setse se sena boleng ka jaana mongwe le mongwe bogolo jang banana ba re ke baporofiti mme ba tsietsa batho.
Moruti Jakoba a re baporofiti ka bontsi mo nakong ya gompieno ba itsiwe ka ditiro tse di maswe, ga ba na boikarabelo mme setshaba ga se sa tlhole se na le tshepho mo tirong ya bone.
A re nako e fitlhile ya gore ba eme ka dinao mme ba simolole go itshekatsheka go bona gore ba busetsa seporofiti mo tseleng ka go leba kwa se tswang teng le go kopa dikgakololo mo baporofiting ba pele.
O ne a tlhalosa gore baporofiti ga ba sa tlhole ba na le boleng jo ba neng ba na le jone pele mme ka jalo batho ga ba sa tlhole ba ba tshepha, ka jalo a ba kopa go busetsa serodumo sa bone mme ba tshephege.
Moruti Jakoba a re mo dinakong tsa gompieno batho ga ba sa tlhole ba na le tshepho mo seporofiting ka jaana bangwe bogolo jang basha ba ipitsa baporofiti mme sa bone e le go amoga batho di tsa bone.
O ne a tlhalosa gape gore le puso ga e sa tlhole e ba tshepha ka e bona fela e le baporofiti ba masalamose ba ba sa tshephagaleng e bile ba oketsa borukutlhi.
O ne a kopa gore dikereke tsa semowa go ema ka dinao ba bona gore ba kopa dithapelo kwa Modimong go ba fa lesedi gore ba busetse seporofiti kwa se tlholegileng se le teng, a tlatsa ka gore seporofiti ke mpho ya Modimo mme e tshwanetse go sekegelwa tsebe ya ba ya tshwarwa sentle.
O ne a gakolola gape gore malwetse a mantsi mo nakong ya gompieno mme ba ka bo ba ema ka dinao ba nna le seabe go bona gore ba thusana le puso jang gore malwetse a a fela, kgotsa a bone kalafi.
Moruti Jakoba a re batho ka bontsi ba setse ba latlhegetswe ke matshelo ntateng ya seporofiti se e seng sone ka mongwe le mongwe o setse a ipitsa moporofiti le go ka alafa batho ntswa a sa itse go dira jalo.
O ne a ba kopa gape go tshwaragana go bona gore ba busetsa jang seporofiti sa nnete mo boleng jwa sone, ka e le neo e e tswang kwa Modimong.
Ka jalo o ne a kopa baporofiti ba dikereke tsa semowa go ya bokopanong ba kopane le baeteledipele ba dikereke tsa bone kgwedi e e tlang e tlhola malatsi a le matlhano kwa Palapye go bona gore ba ka gatela pele jang.
O ba kopile botlhe go tsena bokopano jo, ka gore ka jone ba ka itharabologelwa mme ba busetsa le serudumo se kereke e tlholegileng e le mo go sone.
Fa ba mo kgwa dikgaba, ba ba neng ba tsene phuthego eo ba ne ba galaletsa mafoko a ga Moruti Jakoba gore ba tshwanetse go ema ka dinao go busetsa neo eo ya Modimo mo boleng jwa yone le go busetsa kereke kwa e tlholegileng e itsege ka teng.
Le bone fela jalo, ba ne ba dumela fa seporofiti se dule mo tseleng, mme se tshwanetse go busetswa mo boleng jwa sone ka e le mpho ya Modimo mme e bile se tshwanetse go tshwarwa sentle gore batho le puso ba tle ba ba tshephe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgathi
Location : Mahalapye
Event : Bokopano
Date : 09 Feb 2016






