Kereke e abela motlhoki
09 Feb 2016
Kereke ya Christian Lesedi African Church Apostle e abetse Mme Lefela Monankwe le ba lelwapa la gagwe kwa Takatokwane mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng dimpho tsa diaparo le dijo tse di lopileng P2 144 le madi a a ka tshwarang P3 000 fa godimo.
E rile a bua kwa kabong dimpho eo, modulasetilo wa kereke, Rre Kabo Kefaletse, a re maikaelelo a bone a magolo ke gore le bone ba nne le seabe mo go diragatseng lengwe la matshego a tebelopele ya setshaba la tshaba e e kutlwelobotlhoko e bile e kgathala.
Rre Kefaletse a re ba ne ba ngomolwa pelo ke seemo se mme yoo a neng a tshelela mo go sone, ka jaana e ne ya re ka ngwaga wa 2014, a tlhokafalelwa ke ngwana wa gagwe wa mosetsana, yo e neng e le ene motlhokomedi wa lelwapa, e bile gape a tlogela bana ba babedi, ka jalo ba thulanya ditlhogo go mo tswa thuso.
A re ba ne ba kgobogakanya madi mme ba kgona go fa ba lelwapa leo dithuso tseo. O kaile fa ba bone go le botlhokwa gore ba seka ba remelela fela mo go rereleng setshaba lefoko la Modimo, mme ba hape dipelo tse di botlhoko ka go supa lerato le bopelotlhomogi, a gatelela fa mokeresete a tshwanetse go bonwa ka ditiro.
Fa a tswa la gagwe, mopalamente wa kgaolo ya Takatokwane, Rre Ngaka Ngaka a re go a itumedisa go bona dikereke di tsentse letsogo mo go direleng setshaba, mme fela a gwetlha kereke eo, gore ba tswelele ba lebe lefatshe leno ka leitlho la lerato le kutlwelobotlhoko.
Rre Ngaka o ne a kopa Mme Monankwe le ba lelwapa la gagwe go amogela dimpho tseo ka lerato le go di dirisa ka fa go tshwanetseng, fela jaaka ba di abetswe ka lerato le bopelotlhomogi ke bakeresete ba Modimo, a tlatsa ka go gwetlha batsadi go godisetsa bana mo dikerekeng.
Mme Monankwe o ne a lebogela kereke lerato la go ba abela dimpho le go ba thusa mo kgodisong ya bana ba morwadie a ba tlogetseng, mme fela a tshephisa fa a tlaa tlhokomela dimpho tseo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Shelly Kasefitlhela
Location : Letlhakeng
Event : Kabo dimpho
Date : 09 Feb 2016






