Khansele ya Selebi Phikwe e alosa banana
09 Feb 2016
Khansele ya Selebi Phikwe e alositse banana ba ba neng ba ithuta go ruta bana ba bannye.
Mogolwane mo go tsa boipelego mo khanseleng eo, Mme Jennifer Thekiso a re lenaneo leo le simologile ka 2014 ka ba ne ba lebile gore banana ba toropo ya Selebi Phikwe ka bontsi ga ba bereke.
A re maikaelelo e ne e le go ba inola mo letlhokong la ditiro, ka go na le dikole tsa banayana tse di ikemetseng ka nosi di le dintsi mo kgaolong eo, le go simolodisiwa ga sekole sa bananyana mo dikoleng tsa puso mme di sena barutabana ba ba ithutetseng tiro eo.
O ne a supa gore thutuntso ya go ruta bana ke go kgothatsa banana go ipulela dikole tsa bone ka ba tsere dikgwedi tse thataro go ithutuntsha mme seo se ba baya mo maemong a a ka ba solegelang molemo mme kalogo eo e supa phitlhelelo le maikaelelo a monana a ikiteile sehuba.
Mme Sharon Tshegofatso yo e leng mogokgo wa sekole sa Daisyland English Medium Pre-School, o ne a gakolola dialogane gore go ruta, fela jaaka go godisa ngwana, ga se tiro e e motlhofo bogolojang e se wa gago mme ba nne batlhokomedi ba ba molemo.
“Tsenang mo tirong e ka pelo le ka lerato ka seo se ka le thusa go tlhaloganya maikutlo a bana le bo le baakanyetse tiro ya lona letsasi le letsatsi go ntsha maduo a nametsang,” ga bua Mme Tshegofatso.
O ne a ba gakolola go nna moko o thata ka ba ya go kopana le dikgwetlho bogolojang go tswa mo batsading fa sengwe se sa tsamaya sentle jaaka gongwe diaparo tsa ngwana di fapaantswe kana ngwana a boela lapeng a le leswe ntswa a tlhotse le motlhokomedi.
O ne a ba kopa go dira e le setlhopha ka seo se ka aga ngwana yo a tsogang a eletsega mo setshabeng mme morutabana ene a tsoga e le sekao mo go ba bangwe mme seo se tsholetse serodumo sa bone.
Mongwe wa dialogane, Mme Neo Diau a re o itumelela go aloga ka gore o diragaditse nngwe ya dipilara tsa tebelopele ya 2016 ya setshaba se se rutegileng ka jaana morutabana e le motho yo o botlhokwa mo setshabeng ka mongwe le mongwe o fa a leng teng ka morutabana.
A re morutabana o suga motho go fitlhelela a nna se se eletsegang mo setshabeng mme ithutuntsho e mo ntshitse kwa tlase ko a neng a le teng mme jaanong o golo gongwe.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Ikageleng Phase 1, Mme Mmapula Matlhole, a re go bereka tiro ya borutabana go batla motho yo o kutlwelobotlhoko, a le lerato e bile a boifa Modimo ka seo se ka mo kgontsha go dira tiro ya gagwe ka botswapelo.
O ne a gakolola dialogane tseo go sa dirisa dipuo tsa go kgoba fa ba kgalema bana ka seo se ya go dira gore bana ba ba tshabe ga mmogo le sekole mme tiro ya borutabana e raya gore o motlhokomedi mo boseyong jwa motsadi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaone Busang
Location : Selebi Phikwe
Event : Bokopano
Date : 09 Feb 2016






