Breaking News

Lephata le akgola beng ba dipolase

09 Feb 2016

Beng ba dipolase tsa Sheerwood le tse di mabapi ba akgoletswe seabe sa bone mo go lwantsheng kanamo ya mogare wa HIV.

Mogolwane go tswa kwa lephateng la botsogo, Mme Sekani Chikunyana, o ntshitse kakgolo go sena go rutuntshiwa babereki ba ba direlang kwa dipolaseng tsa Sherwood le tse di mabapi ka HIV/AIDS ka mafelo a beke.

O boletse mo potsolotsong fa beng ba dipolase  ba golola badiri ba bone go sena dingalo dipe go tla dithutong tse di atametswang kwa go bone di tshwana le tlhatlhobo ya mogare wa HIV, go itlhatlhobela malwetse a a farologaneng a tshwana le jwa madi a matona, sukiri le dipampiri tse di ntshiwang gore ba ipalele batle ba nne le kitso.

A re seo se supa fa ba lemoga botlhokwa jwa botsogo jwa badiri ba bone. Mme Chikunyana o tlhalositse fa se ele kemo nokeng mo maitekong a puso a go lwantsha HIV/AIDS.

A re Sheerwood le dipolase tse di mabapi ke mangwe a mafelo a a kwa ntle ka jalo go na le kgonagalo ya gore ba ba nnang teng ba tlhoke ditlamelo tse dingwe ka jalo ba tshwanelwa ke go tsibogelwa. A re ba itebagantse segolo bogolo le babereki ba dipolase tsa Tuli Block ka go ne go lemotshega ditlamelo le dithuto di sa ba fitlhelele.

O ne a tlhalosa fa seemo se kgatlhisa ka mo nakong eno ba itemogetse fa babereki ba dipolase ba ba amogetse ka tsoo pedi ka ba itlhatlhobela malwetse a a farologaneng ka dipalo tse di nametsang.
Mme Chikunyana a re seo se tlaa ba kgothatsa ka ba tla a tswelela ba tshwara thulaganyo e ngwaga le ngwaga go tsisetsa banni ditlamelo.

Thulaganyo ya go isa ditlamelo kwa Sheerwood e simolotse mo ngwageng o o fetileng mme ka mafelo a beke, banni ba le 152 ba ne ba itlhatlhobela mogare wa HIV . Ba ba neng ba itlhatlhobela madi a matona, sukiri le go bona bokete kana seemo sa mmele (Body Mass Index) ba ne ba nna 94.

Letsatsi leo le ne le rulagantswe ke ba Village Multisectoral AIDS Committees(VMSAC) mo Lerala ba kopane le ba District AIDS Coordinating office, ba Tebelopele Voluntary Counseling and Testing Centre le ba Men Sector kwa Palapye.

Morago ga ditlhatlhobo tsa malwetsi a a farologaneng banni ba ne ba intsha bodutu ka motshameko wa kgwele ya dinao go tswa mo ditlhopheng tsa dipolase ka go farologana le ka mmino. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Sheerwood

Event : Thutontsho

Date : 09 Feb 2016