Bogodu jwa leruo bo apesitse Khakhea
08 Feb 2016
Dipalo tsa bogodu jwa leruo kwa Khakhea mo kgaolong ya Borwa di tshwentse kgosi ya motse oo. Mo potsolotsong, Kgosi Joseph Mantries o tlhalositse fa dihutshane e le tsone di tshabelelwang ke go utswiwa ka di sa bewe tshipi ya mong wa tsone jaaka dikgomo.
O kaile fa bogodu jo bo diragala bosigo mme e bile fa magodu a tla go utswa dihutshane ba tla ka dikoloi mme ba rwale lesaka lotlhe ba tlogela morui a iphotlhere.
O ne a tswelela a tlhalosa fa banni ba ba tsereng dihutshane ka mananeo a puso jaaka nyeletso lehuma e le bone ba tshabelelwang ke go utswelwa thata.
Kgosi a re go a tshwenya gore e re puso e leka go tokafatsa botshelo jwa setshaba go bo go na le ba ba ikaeletseng go dira gore maiteko a a folotse.
Kgosi Mantries o kaile fa ngwaga o o fetileng ofisi ya gagwe e amogetse dikgang di le thataro mme mo go tsone go sekisitswe kgang e le nngwe fela fa tse tlhano di santse di reeditswe ke ofisi ya gagwe.
O kaile fa dikgang tsa bogodu jwa dihutshane di tsaya lebaka ka jaana leruo leo le sa bewe tshipi mme go ikaegilwe fela ka matshwao a dihutshane le fa sebe sa phiri e le gore matshwao a a tlhakanelwa.
O buile fa ba tshwaragane le ba sepodisi go leka go lwantsha bogodu jo le ntswa ba tlhaelelwa ke dikoloi go ka latedisa motlhala wa dikoloi tse di dirisiwang ke magodu a.
“Ga re na dikoloi go ka latedisa motlhala wa magodu mme mo go re ketefaletsa go dira tiro ka nako ka jaana fa re bona koloi go a bo go setse go le lebaka e bile magodu a ka tswa a tsamaetse kgakala.”
A re letlhoko la dikoloi mo motseng wa gagwe le baya badirela puso ka fa mosing ka go nna jaaka ekete ba iteba dinala fa ba tshwanetse go isa ditlamelo kwa setshabeng ntswa go dirwa ke go tlhaelelwa ke ditlamelo.
O kopile morafe go nna pelotelele mo go bone ka jaana tlhaelo ya dikoloi e ba dia go thusa setshaba. O ne gape a gakolola barui le banni go nna kelotlhoko thata mo leruong la bone le go leka go rua dintsa go disa leruo la bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Segomotso Lemme
Location : Khakhea
Event : Potsolotso
Date : 08 Feb 2016






