Breaking News

Baithuti ba kgothadiwa go nna tlhaga

08 Feb 2016

Baithuti ba lekwalo la bosupa ba sekole se sebotlana sa Maphorisa kwa Tutume ba kopilwe go itoma molomo wa tlase mo dithutong tsa bone.

Kgothatso eo e ntshitswe ke mongwe wa barutabana ba sekole seo, Mme Thembi Matshara, ka letsatsi la phuthego ya batsadi ba baithuti ba ba dirang lekwalo la bosupa kwa sekoleng seo ka Labone.

Mme Matshara a re ba lemogile fa baithuti ba sa tlhwaafalela dithuto tsa bone ka go setse go itshupile ka makwalo a ba a tshwereng mo bangweng baithuti ba basetsana le basimane ba kwalelana makwalo a marato.

A re dilo tseo di tlaa ba itaya tsebe, a gatelela ka gore bana ba tshelela mo metlheng ya gompieno e e diphatsa ka bana bangwe ba tsholwa ba na le mogare wa HIV, ka seo ba ka anamisa bolwetse joo mo go ba bangwe ka go inaakanya ka tsa marato ba sale bannye.

O ne a gwetlha batsadi go tshwaraganela kgang eo le barutabana le go leka go kgalemela bana le go ba sedimosetsa ka bodiphatsa jwa bolwetse joo le ditlamorago tsa go tlhakanela dikobo ba sale bannyenyane.
Mongwe wa barutabana, Mme Matshara o ne a kgala batsadi ba ba rekelang baithuti megala ya letheka, a re ba itaa tsebe.

Morutabana yo mongwe, Mme Ngula Dlaba a re maikaelelo a bokopano joo, e ne e le go tla go tshwaraganela kgalemo ya baithuti le batsadi.

Batsadi ba ne ba leboga barutabana go ba lemosa nako e sale teng fa go na le dingwe tse di sa tsamayeng sentle, ba re ke tshwaragano e ntle thata, ba gatelela ka gore lore lo ojwa lo sa le metsi.
Ba ile ba bolela fa bana bao ba sa ntse ba le bannye thata mo ba ka bong ba umakwa mo dikgannyeng tsa marato, ba gatelela gore moretlwa o lele. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Tutume

Event : Phuthego

Date : 08 Feb 2016