Breaking News

Banni ba Moroka ba rutwa go boloka madi

08 Feb 2016

E ne ya re ka Matlhatso, mokgatlho wa Botswana Homeless and Poor People’s Federation (BHPPF) wa tlhatlhelela banni ba Moroka ka botlhokwa jwa go boloka madi.

Kwa bokopanong joo, Mme Kediemetse Temane-Temane o ne a supa fa go boloka madi go le botlhokwa mme e bile e le selo se se tswanetseng sa dirwa ke motho mongwe le mongwe.

A re maikaelelo a mokgatlho wa bone, o o simologileng ka ngwaga wa 2011 kwa Francistown ke go thusa batho segolo jang ba ba kobo dikhutshwane go ikemela ka dinao go tokafatsa matshelo a bone go na le go baya fela mo go reng puso ke yone e ba thusang go ka oba letsogo.

Mme Temane-Temane o rotloeditse ba ba neng ba tsene tiro eo, ba bontsi jwa bone e neng e le bomme go lemoga fa go boloka madi, segolo jang letsatsi le letsatsi go na le maduo a mantle a mo tsamaong ya nako a ka ba thusang go fitlhelela ditoro tsa bone go sa kgathalesege gore di bogolo bo kae.

A re bomme ka e le bone ba tshabelelwang segolo bogolo ke go aparwa ke manokonoko a lehuma, ba tshwanetse ba ema ka dinao ba supa fa le bone ba na le thata le bokgoni go ka fetola matshelo a bone le go direla malwapa a bone khumo.

O ne a tlhomamisa fa mo mokgatlhong wa bone, madi a ba ba ipolokelang a sireletsegile ka a bewa kwa bankeng mme e bile go tshwarwa dibuka ka matsetseleko go itsa go nyelela ga madi pele a ka ya go bolokiwa.

O ne a rotloetsa gore fa ba sweditse go tlhama lekalana la bone la mokgatlho ba tlhophe batho ba ba ikanyegang go tlhokomela dibuka tsa madi mme le bone e le maloko ba tlhomamise gore ba tlhodumela dibuka beke le beke go bona gore a dilo di tsamaisiwa ka fa tshwanelong.

Leloko le lengwe la  BHPPF Mme Masego Kgathola le ene o ne a gatelela maikaelelo a mokgatlho wa bone a go thusa batho go inoga mo lehumeng.

A re mokgatlho oo, o tlhamilwe ka go lemoga fa khumanego e sa reye gore motho ga a kgone go ikakanyetsa, ka jalo go le botlhokwa gore le fa motho a ka aparwa ke lehuma le le bokete go le kae a tle ka methale e e ka mo kgontshang go fetola seemo sa botshelo jwa gagwe.

Mme Kgathola a re mokgatlho oo wa bone o kgaratlhela go tlhabolola ditlhaloganyo tsa Batswana go ba lemotsha fa ba na le bokgoni jwa go itirela. A re ba ruta batho go ikgaratlhela ka jaana go le mo pontsheng gore sepe se motho a sokotseng go se fitlhelela o se tlhokomela botoka go na le se a se filweng fela ene a puthile matsogo a sa dire sepe.

Mme Kgathola a re go a ama gore e re ntswa mo malatsing a maloba lehuma e ne e se poko, mo bogompienong batho ba tsaya fa go sa ineeng sepe e le sengwe se ba tshwanetseng ba se tlotlomatsa ba bo ba ipelafatse ka sone.
A re go lelala fela kwa pusong ga Batswana bangwe mo malatsing ano, go tlhabisa ditlhong mme ope yo o eletsang go tlotlomatsa seriti sa gagwe o tshwanetse go ikamanya le mokgatlho wa BHPPF go tokafatsa botshelo jwa gagwe.

Mme Kerekilwe Matenge, yo le ene a leng leloko la mokgatlho oo, o ne a bolela fa BHPPF e sa itebaganya fela le tsa go boloka madi mme e na le ditiro tse dingwe tse dintsi di akaretsa go rotloetsa botsogo jo bontle mo malokong.

A re se ba se dira ka go lemoga fa go nna le madimadi mo polokelong go sena mosola fa seemo sa botsogo se sa itumedise ka go sena ka fa motho a ka akolang madi a gagwe ka botlalo ka teng fa mmele o le ditlhabi.
A re ka ntlha ya se ba ruta maloko ka botlhokwa jwa go ja sentle, go itshidila le go tsaya kalafi go ya ka ditaelo tsa ba botsogo.

Tsetlana e nngwe, Mme Matenge o boletse fa e le ya thulaganyo le diphitlho e mokgatlho o e dirileng le ba ditsidifatsi ba Kagiso.

Mme Matenge a re mokgatlho wa bone o lemogile fa seriti sa motho se sa tshwanela go dibelwa fela fa a sale mo botshelong, mme go le botlhokwa gore le motlhang a tlhokafetseng go supagale fa e ne e le motho yo o ikgaratlhelang mo botshelong.

Dingwe gape tse mokgatlho oo o di dirang, Mme Matenge o kaile fa e le go etelana ga makalana go abalana megopolo le dikitso ga mmogo le go rotloetsa le go thusa maloko go itshimololela dikgwebo gore ba kgone go nna le letseno.
Kwa bokhutlong jwa bokopano, banni ba ba neng ba le foo ba ne ba dumalana go simolodisa lekalana la bone mme ba le raya leina la Milidzanani Savings Scheme. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : Moroka

Event : Bokopano

Date : 08 Feb 2016