Banni ba Okavango ba kopa sekole
08 Feb 2016
Banni ba kgaolo ya Okavango ba kopile mmuso go aga sekole sa ithutelo bojanala mo kgaolong ya bone.
Banni ba metse ya Shakawe le Seronga ba boleletse lekoko le le baakanyetsang tebelopele ya 2036 mo diphuthegong tsa kgotla gore go botlhokwa gore go nne le sekole sa go nna jalo mo kgaolong eo, go tsamaelana le meamuso e e fitlhelwang mo Okavango.
Ba re seo se ka nonotsha mohama wa bojanala le go neela banni ba kgaolo eo sebaka sa go anywa dithuto tsa go tsamaisa bojanala go na le jaaka go diragala mo nakong eno fa bontsi jwa dikgwebo tsa bojanala bo tsamaisiwa ke batswakwa.
Ba re Batswana ba ba hirilweng ke dikgwebo tsa bojanala mo kgaolong ya bone ba a ba tsiediwa ka go timiwa dikitso gore e nne bone fela ba ba akolang meamuso ya Botswana ka jaana ba itse fa beng gae ba sena kitso. Rre Moqaho Ramphisi a re fa mmuso o ka diragatsa kopo ya bone, go ka isa Motswana go ya pele mo tebelopeleng ya 2036 k.
Ba gwetlhile mmuso go isetsa batho ditlamelo ka go lekalekana eseng go di isa ntlha e le nngwe.
Mabapi le tikologo, ba kopile makgotla le maphata a a lebaganeng go neela Batswana dithuto tse di tseneletseng go leka go tsibosa setshaba ka botlhokwa jwa go tlhokomela tikologo.
Ba re gompieno batho ba senyakaka mantlenyane a ditsa tlholego jaaka makgobokgobo, ditlhare, matlhaka, diphologolo, ditlhare le tse dingwe ka ntata ya go tlhoka kitso ka tshomarelo matlotlo a tlholego.
Gape ba kopile gore go neelwe tlotla merafe e e kgonneng go somarela matlotlo a a mo tikologong ya bone ka go ketekela mediro ya teng kwa go one go na le kwa Gaborone jaaka go diragetse ka makgobokgobo a Okavango.
Rre Saoqho Kotongwa o kopile gore go nne le molao o o pateletsang bagwebi ba bojanala go ruta beng gae ditiro mo lobakeng lo lo rileng gore ba kgone go itsamaisetsa dikgwebo go hulareng ga bone.
Fa ba itebaganya le tsa ngwao, ba gwetlhile mmuso go letlelela diteme tsa merafe yotlhe e e mo lefatsheng leno go rutwa ka puo e ba e amuleng mo dikoleng gore e seka ya nyelela mo isagong.
Moeteledipele wa lekoko leo Professor Keitseope Nthomang a re maikaelelo a lekoko ke go dira merero tebang le tebelopele ya 2036 go neela Motswana mongwe le mongwe go ntsha mogopolo wa gagwe gore o eletsa gore Botswana o nne yo o ntseng jang go fitlha ka ngwaga wa 2036. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Rebecca Katjimune
Location : Shakawe
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 08 Feb 2016






