Breaking News

Dikereke di kopiwa go itshekatsheka

08 Feb 2016

Moeteledipele wa lekgotla la dikereke tsa semoya la Organisation of African Instituted Churches (OAIC), Rre Tebogo Motlhagodi, o kopile baeteledipele ba dikereke tseo go ema ka dinao go busetsa serudumo sa dikereke tsa bone.

Rre Motlhagodi o buile mafoko a kwa phuthegong e e neng e tsenwe ke baeteledipele ba dikereke tsa semoya go simolodisa ngwaga o mosha kwa Mahalapye ka Matlhatso. Rre Motlhagodi o ne a itebagantse le setlhogo se se reng: Go Tsosolosa Dikakanyao le Megopolo, Ditoro, tse di Neng di Phirimeletswe.

A re dikereke tsa semoya  di tshwanetse go itshekatsheka mme di leke go sutisa dikgoreletsi tsotlhe tse ba neng ba na le tsone mo ngwageng o o fetileng.

O ne a tlhalosa gore ba tshwanetse go leka ka gotlhe go ditsela tsa go ka fenya dikgoreletsi mme ba betla ditsela tse di siameng tse di ka ba isang kwa tshiamong, mme ba nna bagaka ba tumelo ka go direla morena le setshaba ka boammaaruri.

Rre Motlhagodi a re baeteledipele ba dikereke ga mmogo le dikomiti kgolo ke bone lesedi la lefatshe go ka kaela balatedi ba bone se se tshwanetseng, ba bopa malwapa ga mmogo le lefatshe ka kakaretso. O ne a tlhalosa gape gore baeteledipele gantsi ba a tsietsega, mme fa ba kopane ba gakololana gore ba na le toro e ntle e e ka gololang batho le setshaba ba ka fitlhelela toro e ya bone.

A re ke bone lesedi la lefatshe ka jalo ba tshwanetse go nna sekao mo setshabeng mme ba dira tsotlhe tse di siameng. Rre Motlhagodi o ne gape a gakolola baeteledipele gore ba tsee tsia seabe sa bomme mo dikerekeng tsa bone, a tlatsa ka gore gantsi bomme ba tsewa e le batho ba kopelo fela.

Fa a bua ka tse dingwe, o ne a gakolola baeteledipele go etela dikereke tsa bone gangwe le gape kwa metseng e di leng kwa go yone go bona gore a ba dira se kereke e thaegileng ka sone le go bona gore a molao motheo wa dikereke tsa bone o setswe morago.

A re go le gantsi go tletse dintwa mo dikerekeng, thero e ile tlase mme fa ba etela dikereke tse tsa bone ba ka fema dilo tse tsotlhe. A re lekgotla la OAIC le ikiteile ka thupana go bona gore ba thusa maloko a bone jang ka go ba fa dikgakololo le go bona gore a go setswe molao motheo morago e sere gongwe ba iphitlhela ba fapogile.

Le fa go ntse jalo o ne a tlhalosa gore go na le dikereke tsa semoya di ka tshwara makgolo a marataro le masome a mabedi le bone mme tse di ikwadisitseng mo mokgatlhong di le lekgolo le masome a marataro fela.

Rre Motlhagodi a re selo se, se a tshwenya fela thata mme a kopa gore ba rotloetse dikereke tse dingwe go ikwadisetsa mokgatlho o ka ba ka bona dikgakololo fa ba tlhokang teng.

Fa a tswa la gagwe mogolwane go tswa kwa lephateng la tsa madi le ditlhabololo, Rre Patrick Seitiso o ne a tlhalosetsa baphuthegi  bao ka seabe sa dikereke le ditlhabololo mo lefatsheng.

Rre Seitiso o ne a tlhalosa gore puso ga e kake ya kgona go tsamaisa lefatshe e le nosi mme ka jalo seabe sa dikereke se botlhokwa fela thata ka ba tlhabolola lefatshe ka dikago tsa bone le gone go gakolola batho ka bomosola jwa malwapa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgathi

Location : Mahalapye

Event : Phuthego

Date : 08 Feb 2016