Rothwe o tshetsa bomme
07 Feb 2016
Dipula tse di tsweletseng ka go na di tsisitse boitumelo mo go bomme ba ba itepatepantseng le go bapala morogo.
Mme Onneetse Thaba o tlhalositse bosheng, gore le ntswa a na le kwa a dirang teng,o ipha nako ka mafelo a beke go ya go sela sela morogo wa rothwe kwa Samedupi.
A re ga a ipone tsapa ka o mo thusa fela thata le ba lelwapa la gagwe go ka dira seshabo.
A re morogo o, fela jaaka wa dinawa, o kgona go omisiwa mme o thuse mo isagong.
Le fa go ntse jalo, Mme Kebana Nkakobang yo le ene a gatetseng pele ka go rekisa morogo wa rothwe, a re bana ba gagwe ga ba lale ka tlala e bile le bone ba tsamaya kwa dikoleng ka paka e ntsha.
A re o bapala morogo, mme a o fufudise a bo a o tsenya mo emereng a ya go o rekisa ntlo le ntlwana.
A re emere ya dilithara tse masome mabedi e mo fa dipula tse makgolo a matlhano.
O tsweletse a tlhalosa fa a kgona go reka dijo le motlakase mo lwapeng. A re ka pula e le gone e nang mo mafelong a mangwe, o ikaelela go tlhotlhoma le mafelo ao, a e leng gone a bonang pula go bapala.
Le fa go ntse jalo a re ga a lebelela go jela mo ganong fela ka a ikaeletse go ithekela potsane ka lemme le a tlaa le bonang.
Morogo wa rothwe gantsi o fitlhelwa mo matlotleng le mo masakeng a bogologolo. Ke setlhatsana sa tlholego se se bapalwang ka go kgaolwa matlhare fela, mme setlhatsana sa teng se sale foo go dira peo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaolebogwe Moipei
Location : Samedupi
Event : Potsolotso
Date : 07 Feb 2016






