Modulasetilo o rotloetsa bonatla
07 Feb 2016
Modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Mpho Morolong, o kgothaditse badirelapuso go direla lefatshe la bone ka bonatla le bothakga.
E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa Bokaa ka Laboraro a supa fa a kile a bitsa bagolwane ba maphata go ba rotloetsa gore ba eme ka dinao go rurifatsa gore badirelapuso ba thusa Batswana.
Rre Morolong a re o ne a lemogile fa go na le mowa wa boitseme mo tirong ka jalo a batla gore seemo seo se fetoge mme Batswana ba kgone go thusiwa ka nako le ka botswerere.
Modulasetilo wa khansele o ne a araba selelo sa ga Kgosi Sue Mosinyi wa Bokaa jaaka a ne a supa gore maphata a goga dinao go thusa Batswana.
O ne a tlatsa ka gore fa bagolwane ba dira tiro sentle, tsotlhe di tlaa tsamaya sentle ka gore fa ba itse letlhoko mo diofising tsa bone, ba ka kgona go thusa go na le nako mme Batswana ba thusiwe go sena mathata.
O ne a supa fa badirelapuso ba sa ba etele mo motseng wa bone mme ka lebaka leo ga ba bone dithuso tse di ba tshwanetseng sentle.
Kgosi Mosinyi o ne a bolelela modulasetilo gore go lebega babereki ba le kwa ga mothakga mme e bile tiro e sa diriwe ka mashetla le bonatla.
O supile fa go sa siama gore fa badirelapuso ba na le dipharologano le mohiri wa bone ba bo ba tlisa seo mo tirong ka gore se, se ya go kokonela Batswana ba ba tshwanetseng go thusiwa go sena bana ba phefo.
Kgosi o ne a kopa badirelapuso go dira tiro ya bone ka natla mme ba emise go sokodisa Batswana ka mananeo a puso le ditirelo tse dingwe.
O ne gape a kopa bagolwane ba maphata go nna ba etela bana ba bone kgapetsa-kgapetsa kana ba sa ba bolelela go bona gore a tiro e ba e hiritsweng ba a e dira kana ba tlhabile kgobe ka mutlwa.
Modulasetilo, Rre Morolong o ne a supa fa kgang ya go dira ka natla mo tirong a e emetse ka dinao mme a kopa badirelapuso gore ba bereke ba tsentse moko mo nameng e seng gore ba felele ba tlhobogiwa ke setshaba. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : Bokaa
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 07 Feb 2016






