Mapodisi a kopiwa go tsaya botsogo tsia
07 Feb 2016
Mapodisi a kopilwe go tsaya botsogo jwa bone tsia.
Ba rotloeditswe jalo ke badiri ba lephata la botsogo go tswa kwa sepateleng sa Letsholathebe II kwa Maun mo dithuto-thutanong tse di neng di rulagantswe ke bomme ba sepodisi sa kgaolo ya botlhano bosheng.
Mongwe wa batlhatlheledi ebile e le ngaka ya legano, Mme Tapologo Lekgethiso, o tlhalositse fa tlhokomelo ya legano fela jaaka dikarolo tse dingwe tsa mmele, e le botlhokwa fela thata.
A re sukiri ke nngwe ya dijo tse di borai thata mo leganong la motho ka e ka baka gore meno a bole fa motho a e ja kgapetsakgapetsa.
Mme Lekgethiso o tlhalositse fa leswe mo menong le ka baka bolwetse jwa marinini. A re go sa tlhapa legano ka fa tshwanelong go borai fela thata.
O tsweletse a tlhalosa fa legano le lone fela jaaka dikarolo tse dingwe tsa mmele, le kgona go tsenwa ke bolwetse jwa kankere. A re kankere e, e ka bakwa ke go goga motsoko, bojalwa, go gotlhagotlhega mo leganong ga mmogo le go amana thata le letsatsi le le feteletseng.
Le fa go ntse jalo, Mme Lekgethiso o kgadile mokgwa o o atileng thata segolo jang mo bananeng wa go iphunya loleme ba tsenya manyena. A re go dira jalo go borai fela thata ka go baka megare mo lolemeng seemo se se ka felelang se bakile gore loleme le bole fa bangwe ba felela seemo se tsere phekelo e sele, ba latlhegelwe ke maleme a bone ka a kgaotswe ka ntata ya go bola.
O kgadile gape mokgwa wa go tsenya meno a sesha a gauta (gold), a re go dira jalo ga go a siama fela thata.
A re bontsi jwa meno ao, a sekgoanyana, a tsenngwa fela ke batho ba ba senang kitso ka one e bile ba sa sale morago ditaelo tsa go tsenya leino.
Mme Keorekile Opelo, modiri yo o itebagantseng le bolwetse jwa kankere, o tlhalositse fa kankere ya molomo wa popelo e le yone e di gogang kwa pele e latelelwa ke ya lebele.
O kopile bomme go ikemela ka dinao go inaakanya le ba botsogo go lwantsha kankere.
O tlhalositse fa kankere e ka alafesega e setse e le mo seemong se se kwa tlase ka jalo a gakolola bomme go fema mokgwa wa go loba makoa a bone.
Mme Opelo a re go dira jalo go baka gore bolwetse bo gole mo mothong mme e re bo tla go lemogiwa, gobo go setse go sena thuso epe e motho a ka e bonang fa e se loso fela.
O kopile batho go tshephega mo maratong a bone, go dirisa dikhondomo sentle ga mmogo le gone go ikgapha mo tlhakanelong dikobo e e sa sireletsegang go itsa go tsenwa ke malwetse a tshwana le jwa kankere. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keagisitswe Dioka
Location : Maun
Event : Thuto-puisano
Date : 07 Feb 2016






