Breaking News

A pina ya setshaba e opelwe gantsi

07 Feb 2016

Puso e kopilwe go gatisa pina ya setshaba mo pampering ya dikgang ya puso ka e santse e le kgwetlho mo Batswaneng bangwe.

E rile bosheng mo phuthegong ya kgotla e biditswe ke lekoko le le rerisang setshaba ka tebelopele ya 2036 kwa Shakawe, Rre Kewame Sakuze a tlhalosa gore go botlhokwa gore pina ya stshaba e kwalwe mo pamiring ya dikgang ya puso gore batho ba ba sa e itseng ba kgone go bala mafoko a yone.

‘’Bona gompieno jaana ke paletswe ke go opela pina ya setshaba ka lebaka la gore ga ke itse mafoko a yone mme ebile ke tsaya gore ga se nna fela go na le Batswana ba bangwe ba ba sa itseng mafoko a yone le gone go e opela tota,’’ o tlhalositse jalo.

E rile Rre Sakuze a opela pina ya setshaba, bontsi jwa batho ba ba neng ba tsenye phuthego eo ba a swa ka ditshego ka mafoko a pina a ne a sa tswe sentle. Ka jalo go na le gore batho ba eme ka thisibalo jaaka go tlwaelesegile fa go opelwa pina ya setshaba ba ne ba simolola go shebasheba.

Rre Sakuze o ne a kopa botlhe ba ba sa itseng pina ya setshaba gore ba leke thata go e ithuta. O kopile gore pina e, e opelwe mo phuthegong nngwe le nngwe go na le gore e opela fela mo diphuthegong tsa ga Tautona, matona a puso, mopalamente le baeng.

E ntse e le mo phuthegong eo, bangwe ba ne ba tsamaya tsamaya fela ka nako e pina eo e neng e opelwa mme fa ba botsolotswa ba tlhalosa fa ba sa itse gore go phoso go tsamaya fa pina ya setshaba e opelwa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Rebecca Katjimune

Location : Shakawe

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 07 Feb 2016