Komiti e tsosolosa ditshupo kwa Boteti
07 Feb 2016
Komiti ya ditshupo ya kgaolo potlana ya Boteti e ikaelela go tsosolosa serodumo sa ditshupo tsa Boteti. Komiti e supile maikaelelo a yone mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke Kgosi Barontshi Kegapetswe bosheng.
Ka jalo Kgosi Kegapetswe o ne a tlhalosa fa a solofela gore go nne le dipego tsa tiro e komiti e e dirang, a supa fa komiti eo e tshegeditse itsholelo ya bone, mme a re go tlhokega gore dipego di nne teng go bo go supiwe le diphoso nako le nako morago ga tiro.
O ne a tlhalosa fa maduo a tiro a ka se bonale fa ba sa ipeele dielo tse ba berekang ka tsone. A re go seka ga nna le mowa ope wa gore batho ba lomeletsane. Kgosi Kegapetswe o ne a rotloetsa maloko a komiti go nna le mowa go beeletsa, go dira morokotso gore ba kgone ba itsweledise.
A re dikomiti di tlhoka gore di itshetlele ka go tsena dithuto seka-dipuisano, a re dikhamphani tsa meepo gantsi di tsenya letsogo, mme mathata a a nnang teng ke a dipego tse e leng gore ga di felele di tsamaya sentle.
Modulasetilo wa komiti ya ditshupo, Rre Motlogelwa Letebele, a re ba ne ba itemogela gore bontsi jwa morafe wa Boteti bo ne bo sa itse sepe ka ditshupo tse di neng tsa tshwarwa ka 2014, mme se sa ba tshwenya.
A re maloko a metse e e mo tikologong ya Letlhakane ga a kgone go tsena ditshupo ka mabaka a letlhoko la madi. A re banka le yone e ne ya tshwara madi a ditshupo e batla bukana ya melawana e ba berekang ka yone.
O tsweletse a tlhalosa fa go se thona gore morafe o ka supa gore ba ba ntseng ba tshwere ditshupo ga ba di tsamaise sentle, a supa fa e le gone ba ka tswelelang.
O tlhalositse fa ba santse ba na le keletso ya gore morafe wa Boteti o ka itse gore ditshupo di teng, mme a ba rotloetsa go tshwaya komiti phoso fa ba ka e tshwayang phoso teng. Rre Letebele a re keletso ke gore ditshupo tse di tlang e nne tse di tokafetseng e bile di nonofile.
Fa Rre Godwin Baolatotse a supa fa maikaelelo e le go kopa thuso mo morafeng go ba thusa go tlhabolola megopolo. O supile fa boleng jwa ditshupo le ditlhabololo tsa lebala la ditshupo tsa Boteti di tshwenya fela thata.
Rre Baolatotse o supile fa se se ne sa ba gwetlha go ya go tsaya malebela kwa ditshupong tsa Ghanzi, mme maikaelelo e le go diragatsa botsipa jo ba bo anyileng.
Fa Rre Oaitse Mmatlakgomo a ne a supa fa maikaelelo e le go isa ditshupo ko bathong ba metse yotlhe ya Boteti ka go farologana. Rre Kebolatlhetswe Chanki o ne a gakolola gore ditshupo tsa monongwaga di anamisiwe ke mefuta e e farologaneng, go dira gore batho ba di tsene ka dipalo tse di nametsang. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Thandy Tebogo
Location : Letlhakane
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 07 Feb 2016






