Ipaakanyetseng dikgwetlho - Arone
05 Feb 2016
Banni ba kgaolo ya Okavango ba gakolotswe go ipaakanyetsa ditlamorago tse di ka tlang ka nako ya go dirwa ditlhabololo mo kgaolong ya bone.
Kgakololo e tsile ka mopalamente wa kgaolo eo, Rre Bagalatia Arone mo diphuthegong tsa kgotla kwa metseng ya Kauxwi, Mohembo East, Xhaoga le Samochima.
Rre Arone a re ditlhabololo tseo di akaretsa kago ya borogo kwa Mohembo, kago ya kokelo, mafaratlhatlha a diofisi tsa badirelapuso le tse dingwe. Ka jalo banni ba kgaolo eo ga ba a tshwanela go tlala fela ka boitumelo mme ba itebatsa ditlamorago tsa tsone.
“Bogolo jang lona banana, ga ke eletse seemo se se neng sa diragala ka nako e go neng go lwantshiwa bolwetse jwa dikgomo jwa lekgwafo ka bo 1995 fa malwapa mangwe a ile a thubega mme bangwe ba tsenwa ke malwetse a tshwana le HIV/AIDS,’’ ga bua Rre Arone.
A re ka jalo go botlhokwa gore mongwe le mongwe a ipaakanyetse diemo tseo nako e sale teng.
O ne gape a gakolola gore go ipaakanyediwe go tla go dira dikgwebo bogolo jang tsa go rekisa dijo go thusa ba ba tlaa bong ba bereka kwa dikhamphaning
Mo go tse dingwe, Rre Arone o gwetlhile banana go kgaratlhela go tlhabolola matshelo a bone ka go inaakanya le mananeo a puso go na le go ikaega fela ka thulaganyo ya Ipelegeng ka e le ya nakwana.
A re go a tshwenya go bo bontsi jwa banana ba kgaolo ya gagwe bo santse bo goga dinao go dirisa mananeo a puso ntswa puso e atolotse letsogo ka lenaneo la Youth Development Fund, la gender le a mangwe.
“Tswee-tswee fetolang dikgwetlho tsa lona go nna tswelelo pele ka go emisa go senya nako ya lona ka go itontela nno tagi le borukutlhi mme le etele badirelapuso go botsa ka mananeo a a tlaa le tlhabololang,’’ mopalamente a gatelela.
E rile ba mokgwa dikgaba, banana bangwe ba ngongoregela go bo badirelapuso bangwe ba goga dinao go ba thusa selo se ba reng se ba kgoba barapo fa bangwe ba re ba kgobiwa marapo ke lekgotlana la kabo ditsha la Shakawe ka go diegela go ba abela ditsha tsa kgwebo.
Le fa gontse jalo, mongwe wa banana, Rre Thebe Koloi o tlhalositse fa bontsi jwa banana bo sa kgone go tsaya mananeo a puso ka gore ba fela pelo fa badiredi ba ba kopa go ya go dira dipaakanyo mo go tse ba di kopang a bo a ba gwetlha go emisa mokgwa oo ka ba itiela sebaka.
E rile a tsibogela dingongorego tsa bone, Rre Arone a ba kopa go nna pelotelele go fitlhelela ba kgona se ba se tlhokang, mabapi le go tlhoka ditlankana tsa dikgwebo, o ba gakolotse go dira dikgwebo tse di sa tlhokeng ditsha jaaka go rekisetsa dinekere mo malwapeng go fitlhelela ba fiwa ditsha.
A re go tlhoka ditsha ga go a tshwanela go nna seipato mme ba tshwanetse go supa motlhala ka maikaelelo a bone.
O gwetlhile badirelapuso ba ba santseng ba goga dinao le bone go tlogela mokgwa oo mme ba thuse setshaba ka tshwanelo go diragatsa maikaelelo a puso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Rebecca Katjimune
Location : MOHEMBO
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 05 Feb 2016






