Leswe kwa letamong ga le jese di welang
04 Feb 2016
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Mandunyane mo kgaolong-potlana ya Tonota, Rre Samuel Mutoriti a re seemo sa go gasama ga matlakala mo tikolong ya letamo la Shashe ga se itumedise.
Rre Mutoriti o buile jalo mo potsolotsong lbosheng. A re go gasama ga matlakala ntlheng nngwe ya letamo ke kgwetlho e e tsweletseng ka go gola ka jaana matlakala a felela a tsena mo letamong.
Rre Mutoriti a re matlakala a a dirwa ke bangwe ba ba etelelang kwa letamong go itlosa bodutu segolo jang ka mafelo a beke.
A re bangwe ba tla letamong go ka dira maitiso a nakwana, bangwe ba tla ba rwele majalwa mme morago ba tlogele matlakala a ba a dirileng a gasame.
Rre Mutoriti o bile a supa gape fa bangwe ba etela tikologo ya letamo go ka dira ditiro tse di fatlhang tsa marato le tse dingwe ka go farologana.
A re ntle le gore matlakala a a leswefatsa tikologo, a felela a ama le tsone ditshidi tse di nnang mo letamong di akaretsa ditlhapi le digogwane.
A re go tlhoka go babalela tikologo ya letamo, go ka baya batho ka fa mosing ka jaana banni bangwe ba motse wa Mandunyane le metse e mengwe e e mo tikologong ba dirisa letamo jaaka motswedi wa itshetso.
A re ka nako ya go tshwarwa ga ditlhapi e goroga, bangwe banni ba metse e ba dira kgwebo ya go rekisa ditlhapi.
Rre Mutoriti o supile fa a se kgatlhanong le gore batho ba ka etela letamo ka nakwana, fela a re o santse a le sebete se molangwana gape o kgala maitiso a a tshwarwang gone kwa tamong.
A re se se rotloetsa kgotlelesego ya tikologo ka jaana go sena lepe lefelo le le faphegileng gore batho ba ka itiketsa teng. ENDS
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : MANDUNYANE
Event : Potsolotso
Date : 04 Feb 2016






