Diboko di tsentse tsebetsebe
05 Feb 2016
Diboko di tsentse tsebetsebe kwa Maun le mafelo a a mabapi. Diboko tse, tse di mmala o namune le meradi e mentsho di gobeya mo ditlhareng tsa Motsebe le Mophane.
Kwa merakeng ya Tsibogolamatebele seboko se, se tshwenya thata mo ditlhareng tsa Metsiara mme le tsone fela jalo di ja matlhare a setlhare seo morago di fologe di ikepele mo mmung fa tse dingwe di tlhorontsha batho ka go tsena mo mantlong, dilwaneng tsa bone le mo dijong tota.
Le fa go ntse jalo, moanamisa mafoko wa lephata la temo-thuo mo kgaolong ya Bokone Bophirima, Rre Clifford Molefe a re diboko tse, le ntswa ba sa itse gore di bakwa ke eng, ga di sena matshosetsi ape mo balemi-baruing.
O tladitse ka gore, fela jaaka Phane, di ja ditlhare tsa Mophane le Motsiara fela mme morago di ikepele. E re dikgang di eme jalo, bangwe ba mabutswapele ba amanya diboko tse le leuba.
Ba tlhalositse fa bogologolo diboko tse, di ne di bonala fela ngwaga wa leuba. Mme Mphembe Keesi wa Sankoyo a re diboko tse, ga di bone tema ka sepe. Are di ja dijalo mo masimong molemi a sale a iphotlhere.
O tsweletse a tlhalosa fa diboko tseo, di loma e bile di sa siamela botsogo ja motho. A re bone ba thusiwa fela ke dinonyane tse di bidiwang Makololwane ka go ja diboko tseo mo masimong a bone.
Mo godimo ga moo, bagwebi le bone ba bua ba sa kgwe mathe ka diboko tse di ba tlhorontshang tse. Mongwe wa bagwebi kwa kgotleng ya Boseja, Mme Isago Goitseone o tlhalositse fa a itshetsa ka go rekisa dimonamone le magwinya ka fa tlase ga setlhare sa Mophane.
A re diboko di mo kgoba marapo e bile di fokoditse letseno le a le bonang letsatsi le letsatsi mo kgwebong. A re di tsamaya gongwe le gongwe di pagama tafole ya gagwe ya dijo.
Le fa go ntse jalo, a re ga a na go kgobega marapo mme o tlaa tswelela a wa le kgwebo ya gagwe. A re seemo se nna botoka fela fa pula e nele mme a kgone go tlhola a bone lemmenyana le le botoka.
Maiteko a go bua le ba botsogo go tlhalosa ka fa diboko tse di ka amang matshelo a batho ka teng a iteile sefololetse ka ba botsogo ba ne ba setse ba sa fetola fa kgang e e kwalwa.
Diboko tse, di anama le ditlhare di eja matlhare a tsone di fetele kwa go se sengwe fela jalo ka tatelano ya tsone. BOPA
Source : BOPA
Author : Keagisitswe Dioka
Location : MAUN
Event : Potsolotso
Date : 05 Feb 2016






