St Paul e aba diaparo
03 Feb 2016
Kereke ya St Paul e abetse batlhoki diaparo. Kereke e dirile seo mo bokopanong jwa yone kwa Mochudi jaaka ba ne ba dirile mokete wa ditebogo ka Sontaga go leboga Modimo ka ditshegofatso.
Mongwe wa baphuthegi, Rre Molefe Mosothwane, yo e bileng e le mokhanselara wa kgaolo ya Bokone kwa Mochudi, a re ba bone go tshwanela gore ba nne le seabe mo go thuseng Batswana ba bangwe. A re ka jalo ba ne ba bone go le botlhokwa gore ba kope bakaulengwe jaaka bone go aba diaparo tse ba sa di diriseng mme di santse di ka dirisiwa go thusa ba bangwe.
Rre Mosothwane a re o leboga bakaulengwe fela thata ka go araba kopo ya bone mme ke ka moo kereke e kgonneng gore e bo e aba ka letsatsi leo. A re Baebele e tlhalosa sentle gore go sego letsogo le le abang mme e bile kereke e tshwanetse go tlhokomela ba ba tlhokileng lesego.
Godimo ga moo, o ne a supa gape fa ba setse pilara ya ponelopele ya lefatshe la Botswana ya go nna pelotlhomogi le go supa lorato mo go ba bangwe. A re tiro eo o ne a sa e dira a le nosi mme o ne a e thusana le Mme Thandie Morokotso yo o nnileng le seabe se segolo mo go atlegeng ga yone.
E rile a amogela dimpho tseo mo boemong ja khansele, raboipelego wa kgaolo eo, Rre Terrence Lottering a lebogela kereke eo go abela batlhoki mme a supa fa ba na le batlhoki ba ka tshwara 45.
A re ka jalo ba ya go thusega fela thata mme o tlaa rurifatsa gore ba aba dimpho tseo mo nakong e e sa fediseng pelo mme a supa fa a tlaa laletsa baeteledipele ba kereke eo go nna basupi.
Moruti mogolo wa k St Paul, Dr Kello Moloi go tswa ko Aferika Borwa o ne a kgothatsa phuthego go direla Modimo ka natla. A re bokeresete ke selo se motho a dirang ka matsogo a gagwe bogolo jang ka gore tumelo e batla ditiro tse di itumedisang Modimo. A re ba tshwanetse go tshwara ka matsogo a mabedi go direla Modimo gore le Modimo a bule dikgoro tsa botshelo.
Moruti Moloi o ne a lebogela phuthego l go bo e tsile ka dipalo kwa moketeng wa ditebogo mme a supa fa Modimo a ntse a na le bone ka dinako tsotlhe mme e bile a tlaa ba thusa go bula dikgoro tsa matshelo a bone gore ba segofale. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : Mochudi
Event : Kabo dimpho
Date : 03 Feb 2016






