Kgosi o rotloetsa morafe go ipabalela
03 Feb 2016
Balete ba kopilwe go nwa metsi a mantsi, go rwala dihutshe le dikhukhu go tila mogote. Mafoko a, a boletswe ke Kgosi Tsimane Mokgosi fa a amogela baeng kwa phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke mopalamente wa kgaolo ya Ramotswa, Rre Samuel Rantuana.
Kgosi Mokgosi o kopile morafe go fefogela go fitlha baswi go sale moso le go fokotsa dibui kwa diphitlhong. O supile fa batho ba latlhegetswe ke botshelo ka ntlha ya mogote, mme a supa fa go ka nna molemo gore ba fokotse go tsamaya mo letsatsing.
Kgosi o ba kopile go se kgobiwe marapo ke seemo sa loapi, mme ba beye ditema fa pula e nele ka gore ga ba itse mananeo a Modimo. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Lucky Lekote, o tlhalositse fa ba na le mathata a gore dikomiti tsa bone di kolotiwa madi a mantsi.
E rile a ba ema ka lefoko, mopalamente Rantuana a tlhalosa fa a kopa megopolo go e isa kwa palamenteng. O tlhalositse fa a itse ka mathata a mesele ya kgopho ya metsi a a leswe, bothata jwa metsi, a bo a ngongorega ka maphata a puso a a berekang a kgaoganye, a supa fa se, se ka se ise kgaolo gope.
O tlhalositse fa go sena ope yo a tlang kwa ofising ya gagwe a tla ka mogopolo wa gore ba eletsa go ka dirwa eng go isa kgaolo kwa pele, fa e se ba ba tlang ba ngongorega ka bongwe. O tlhalosistse fa batho ba ba kobiwang kwa tirong, ba tshwanetse go ikuela kwa ofising ya tsa pereko, mme batho bangwe ba na le go gana go ya teng ba re ba ba tlhobogile.
Mopalamente o kopile batho go emisa dikoloi tsa bone sentle kwa mabitleng, gore e re fa ba bangwe ba tla kwa morago ba kgone go tsena go sena makgwere ape. O tlhalositse fa ba eletsa go tlhabolola lebala lengwe mo gaMalete le bana ba ba tlaa itlosang bodutu teng, le gone go tsosolosa ditshupo tsa kgaolo.
Erile ba mo kgwa dikgaba, Balete ba supa fa ba ka itumela fa ditshupo tsa kgaolo ya bone di ka tsosolosiwa, ba bo ba supa fa lebala la Killer Giants e le lone ba eletsang le ka tlhabololwa ka jaana e le lone le dirisediwang metshameko mo nakong eno.
Ba supile matshwenyego ka leswe la matlwana a boitiketso le le tshelegelang mo molapong wa Notwane, ba supa fa le tsenya matshelo a bone le leruo mo diphatseng. Ba kopile gape go direlwa ditsela tse di yang kwa masimo, gore ba seka ba ketefalelwa ke go ya teng.
Ba kopile gape ofisi ya ga mmakaseterata le diofisi tsa ditimamolelo. Mothusa molaodi mme Wapapha Ramotiti, o supile fa tshwaragano e le botlhokwa mo baeteledipeleng ba kgaolo, a supa gore fa go sena tshwaragano ga gona sepe se se ka tswelelang.
Mothusa molaodi o supile fa ba ofisi ya ga mmakaseterata le bone ba bone go le botlhokwa go nna le ofisi mo kgaolong, mme sebe sa phiri e le go tlhoka lefelo, a bo a kopa ba ba nang le matlo a ba a ka hirisang go ikopanya le ofisi ya gagwe .
O kopile Balete go iteka thata monongwaga ka jaana boipuso jwa ngwaga o e le jo bo faphegileng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Ramotswa
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 03 Feb 2016






