Dikgosi di lela ka tshenyo ya dipompo
03 Feb 2016
Dikgosi tsa Robelela le Tshokwe mo kgaolong ya botlhophi ya Mmadinare, ba lela ka tshenyo ya dipompo tsa metsi.
Dikgosi di tlhalositse fa go bereka pompo e le nngwe mo metseng eo ka go farologana mme seo se raya gore morafe o tsaya mosepele o mo leele go ya go ga metsi mme se se dire mosuke.
Se, se senogile mo diphuthegong tsa kgotla tse di ne di buisiwa ke mopalamente wa Mmadinare, Rre Kefentse Mzwinila, kwa metseng eo.
Kgosi Phillip Tamocha wa Robelela o supile fa tshenyo e dirwa ke beng gae ka go supafetse le tsone diphaephe tse di phatlalatsang metsi mo motseng di thubiwa ka bomo ka mabaka a go nosa leruo.
Kgosi Tamocha o ne a supa go seka ga itumela ka bana ba Robelela ba simolotse go utswa ditonki kwa Zimbabwe mme se se tsosa kgotlhang magareng ga mafatshe a mabedi.
Kgosi Tamocha o ne a supa fa go thaisiwa ga leruo ka diwairi mo terateng e e kganelang motsamao wa leruo go le kwa godimo thata, mo leruo le felelang gone koo mme go santse go le thata go tshwara batho ba ba dirang jalo.
Mopalamente Mzwinila o ne a tlhalosa fa lenaneo la Target 20 000 la go tsenya banana mo ithutuntshong ya go kgweetsa le ditiro tse dingwe tsa diatla, le ne la seka la kgona go fitllhelela banana ba ba kwa dikgaolong ka dikole tse di neng di ikopetse go ruta bana di ne di le kwa Maun, Francistown le Gaborone.
O tlhalositse fa e tlaa re mo ngwageng ono, ikopelo ya go nna jalo e tlaa boelela gape mme tumalano e le gore dikole tse dingwe tsa dithuto tsa Target 20 000 di nne kwa Palapye le Selebi Phikwe mme a rotloetsa banana go nna ba tlhwaile tsebe.
Mo go tse dingwe, mopalamente o ne a rotloetsa morafe go beeletsa ka go reka diabe pele go tswalwa kgwedi ya Mopitlo e tlhola malatsi a le mane mono ngwaga.
A re se se ka fetola matshelo a bone e bile e le tsela nngwe ya go tswakanya itsholelo.
Rre Mzwinila a re BTCL ke ya Batswana ka jalo ba tshwanetse go supa ka go reka diabe ka ditlhwatlhwa tsa tsone di santse di le kwa tlase gore Motswana mongwe le mongwe a nne le seabe mme e tlaa re morago di tsenngwe mo mmarakeng ka ditlhwatlhwa tse di okeditsweng.
Kwa bofelong, mopalamente o ne a supa fa maduo a bana ba dikole a tsweletse ka go wela tlase,a re se se supa gore mongwe magareng ga batsadi, barutabana le moithuti a sa dire mo go lekaneng.
Rre Mzwinila a re o tlaa tswelela a rotloetsa ka fa a ka kgonang ka teng gore maduo a dikole tse di mo kgaolong ya gagwe di tsholetse serudumo sa tsone ka go abela ngwana yo o gaisitseng mo dikoleng tse dipotlana,tse di kgolwane le se setona sa Mmadinare. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Selebi Phikwe
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 03 Feb 2016






