Seemo sa metsi se botoka
02 Feb 2016
Go tlhalosiwa fa seemo sa metsi kwa Tlokweng se tokafetse, morago ga gore Batlokwa ba tlhoke metsi dikgwedikgwedi ngwaga o o fetileng.
Mafoko a, a boletswe ke mopalamente wa Tlokweng, Mme Same Bathobakae fa a ne a buisa phuthego kwa motseng oo bosheng.
Mme Bathobakae o tlhalositse fa erile a bona seemo se bifela pele, a ikopanya le tona wa tsa metsi, Rre Kitso Mokaila mme seemo sa boela mannong morago ga moo.
O tlhalositse fa seemo sa motlakase le sone se tshwenya, ka jaana fa go nna diphefo tse e seng tsa sepe o tshabelelwa ke go kgaoga, mme o tlhalositse fa Tona Mokaila a supile fa seemo se se dirwa ke didirisiwa tse dikgologolo.
Mopalamente Bathobakae o supile fa lenaneo la Economic Stimulus Programme le tlaa tsosolosa itsholelo.
O kgothaditse Batlokwa go reka diabe tsa BTCL, ka jaana golo moo e le go ipeela, a bo a ba kopa go ikopela madi a dikgwebo kwa Gender Affairs.
Mopalamente o tlhalositse fa a tshwenngwa ke maduo a dikole a a kwa tlase, a supa fa se se dirwa ke batsadi ba ba sa tsenyeng letsogo mo thutong ya bana ba bone.
O kopile Batlokwa go disa leruo la bone gore le seka la tlolela kwa lefatsheng la Aforika Borwa, ka jaana beng ba dipolase ba le tlhatlhela mo dipolaseng tsa bone mme ba tloge ba ba lope madimadi go le golola.
O tlhalositse gape fa go na le molao o o fetisitsweng wa gore go sekasikiwe ba-na-le bogole, mme ba ba rurifaditsweng ke ba bongaka gore ga ba kake ba itira sepe ba tlaa thusiwa ka madi a P300 kgwedi le kgwedi.
Mogolwane go tswa kwa Water Utilities, Rre Kevin Mosotlhwane, o ne a tlhalosa fa letamo la Gaborone le kgadile mme Batlokwa ba nosiwa ke didiba tsa Masama go tswa kwa kgaolong ya Kgatleng.
Rre Mosotlhwane o tlhalositse fa tamo ya Bokaa e na le metsi a selekanyo sa 50 per cent, a supa fa metsi a a neng a elela go tswa kwa nokeng ya Metsimotlhabe e le one a a okeditseng metsi ao.
O kopile Batswana go somarela metsi, a supa fa ba emisitse go kgaola metsi,mme ba laola go tswa ga one ka bontsi,e le bontlha bongwe jwa go a somarela. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Tlokweng
Event : Phuthego
Date : 02 Feb 2016






