Mapodisi a tlhagisa bakgweetsi
02 Feb 2016
Assistant Superintendent Batshwari Gaobatlelwe wa Good Hope o gakolotse bakgweetsi mo tseleng ya Good Hope - Pitsane e e santseng e atolosiwa, go kgweetsa ka kelotlhoko.
Assistant Superintendent Gaobatlelwe o buile jalo mo potsolotsong bosheng.
A re ba gatisitse dikotsi tsa dikoloi di le nne mo tseleng eo tse a reng go belaesega dikoloi di reletse.
O tsweletse ka go bolela gore ba emetse lephata la ditsela go tla go rurifatsa gore bothata ke eng mo tseleng eo.
A re dikotsi tsa dikoloi tse nne tse, di gatisitwe mo malatsing a a farologaneng.
A re le fa go ntse jalo bapalami ba dikoloi tseo botlhe, ba alafetswe dikgobalo ba bo ba ntshiwa kwa sepatela sa Good Hope, fa a le mongwe fela wa bone a santse a robaditswe kwa kokelong ya Marina.
Mo potsolosong e nngwe, mogolwane wa mapodisi a tsela kwa Ramatlabama, Insector Oathusa Tshotlego a re ba gatisitse kotsi e nngwe e potlana mo tseleng ya Bethele – Ramatlabama.
A re mokgweetsi o ne a tsere koloi a sa letlelelwa ke mong wa yone, gape a sena setlankana sa go kgweetsa, a tlatsa ka gore ga se e e ka amanngwang le go dirwa ga tsela.
Inspector Tshotlego o tsweletse a supa gore bakgweetsi ga ba obamele matshwao a tsela.
A re le fa gontse go na le dikotsi, se se lebosegang ke gore dikotsi tse, ga di gape matshelo a setshaba a tlatsa ka gore o itumelela fa mo dikotsing tse, go fitlhetswe bapalami ba ne ba dirisitse lebante la itshireletso. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : Lobatse
Event : Potsolotso
Date : 02 Feb 2016






