Banni ba batla Botswana a gatela pele
02 Feb 2016
Banni ba Bobonong ba tlhaloseditse lekoko le le romilweng ke Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama go tsaya megopolo ka tebelopele ya 2036 fa ba batla go bona Botswana a gatetse pele.
Ba buile se mo phuthegong ya lekoko le kwa Bobonong ka Labotlhano.
E rile ba araba dipotso tse di neng di botswa ke maloko a lekoko le ebong Rre Sam Digwa le Rre Oscar Motsomi, banni ba motse ba ne ba gatelela fa ba batla go bona lefatshe leno le gatetse pele mo ditlhabololong.
Banni ba boletse fa ba batla go bona lefatshe leno le ntsha dijo tse di lekaneng go jesa tshaba ya lefatshe leno.
Ba re go lwantsha lehuma,go kgaoganya meamuso ya lefatshe leno ka go lekana le go tsisa thuto ya boleng jo bo kwa godimo ke dingwe tse di tshwanetseng go diragadiwa mo tebelong pele.
Banni ba tlhalositse fa ba eletsa go bona temo ya nosetsso e tlhabolotswe ka go gogela motlakase kwa masimo a temo ya nosetso e leng teng ga mmogo le go dira ditsela tse di botoka tse di yang kwa masimong ao.
Ba boletse fa bongaka jwa lefatshe leno bo tshwanetse go tokafadiwa segolo ka go oketsa palo ya baoki le dingaka gammogo le go tswa ka tharabololo ya sennela ruri ka bolwetse jwa HIV/AIDS.
Leloko la lekoko le, Mme Koziba Malibala, o tlhalositse fa lekoko le romilwe go tsaya megopolo mo setshabeng ka tse di ka dirwang mo tebelong pele ya setshaba ya 2036.
A re puso e batla go tsaya megopolo mo setshabeng ka tse di akaretsang tiriso ya bobegadikgang, sepolotiki sa lefatshe leno le go tlhabolola matlotlo a lefatshe leno go ya kwa ngwageng wa 2036.
O tlhalositse fa letlhaku le lesha le agelwa mo go le legologolo ke ka moo megopolo ya Batswana ka tebelopele ya 2036 e yang go dirisiwa go baakanya tse di neng di saletse kwa morago. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Pauline Mothudi
Location : Bobonong
Event : Phuthego
Date : 02 Feb 2016






