Breaking News

UCCSA kwa Lerala e kokoanya madi

01 Feb 2016

Maloko a kereke ya United Congregational Church of Southern Africa (UCCSA) kwa Lerala a rotloeditswe go dira ka mowa o le mongwe gore ba kgone go diragatsa dikeletso tsa bone.

Fa a bua kwa Lerala ka Matlhatso  kwa kereke e neng e tshwere mogwanto wa go kokoanya madi a go aga ntlo ya bonno ya moruti wa bone, mongwe wa barotloetsi ba mogwanto oo, Rre Joseph Motsie a re gore phuthego ya bone e kgone, ke gore e bo e tshwaragane. 

A re ga go ree gore leloko lengwe le lengwe la UCCSA le tshwanelwa ke go ntsha madi gore ba age bonno jwa moruti wa bone mme go tlhokega popagano e e akaretsang ya go thusanya ka diatla go kgona go fokotsa madi a go dira kago eo.

A re go a bonala gore maloko a UCCSA a nyoretswe lefoko la Modimo ka gore erile ba lemoga fa moruti wa bone a sena bonno ba bona go le matshwanedi gore ba mo agele bonno gore a kgone go thusa phuthego ya gagwe.

Mogwanto oo, o ne wa kgona go kgobokanya madi a selekanyo sa P14 000. 

Mme Galekgatlhe Phologa yo o mo komiting ya kago ya ntlo ya moruti, o ne a bolela fa ene le maloko a mangwe a komiti ba ne ba bona go tshwanela gore ba eme ka dinao ka kago eo e ne e sa tswelele sentle.

A re ba na le tsholofelo e e tletseng ya gore ba tlaa tswelela ba bona dithuso tsa madi mme ba kgone go wetsa kago eo mo ngwageng ono.

Le fa go ntse jalo moruti wa kereke ya UCCSA kwa Lerala, Moruti Bremier Mapii o ne a kopa phuthego ya gagwe go eteletsa Modimo kwa pele go na le go eteletsa nonofo ya bone kwa pele mo go tse ba di dirang.

A re le fa motho a ka tswa a na le nonofo, bokgoni kana dikitso tsa se a se dirang ga a na go se kgona ntateng ya gore ga gona Modimo mo go se a se dirang. 

O ne a lebogela botlhe ba ba neng ba tsene mogwanto oo bogolo jang diphuthego tsa dikereke tse di farologaneng ka go supa fa le bone ba ba eme nokeng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Lerala

Event : Mogwanto

Date : 01 Feb 2016