Breaking News

Baapei ba itumelela thulaganyo ya komiti

01 Feb 2016

E ne ya re ngwaga o o fetileng komiti ya ditlhabololo tsa motse kwa Masunga ya tsaya tshwetso ya gore batho ba ba apeelang babereki ba Ipelegeng ba apeele  golo go le gongwe gore go tle go nne motlhofo go ka ba baa leitlho.

Maikaelelo a mogopolo oo e ne e le gore go rurifadiwe gore a baapei ba apeela babereki dijo tse di phepa e bile di apeetswe mo lefelong le le phepa.

Mo potsolotsong bosheng, Mme Uvanga  Bodule yo e leng mongwe wa baapei,  o tlhalositse fa ba apeela mo leobong le ba le agetsweng gaufi le kgotla ya motse.

A re se, se ba thusitse fela thata ka jaanong ba kgona go apaa ka bonako ba sa diiwe ke sepe, go na le fa ba ne ba le kwa malwapeng ka kwa malwapeng nako dingwe ba ne ba diiwa ke go tshwara kwa le kwa ditiro di le dintsi.

Mongwe wa baapei ba ga Mme Elizabeth Chakalisa, o tlhalositse fa ba apaa fa gare ga beke ka nako ya borataro phakela gore ba tle ba kgone go ka fetsa tiro ya bone ka bonako.

O tsweletse ka go tlhalosa fa ba apaa ba le bararo mme mongwe le  mongwe a na le palo ya batho e e seng ntsi gore kapei e nne bofefo.

Mme Chakalisa o tlhalositse fa mogopolo o o ba sologetse molemo go menagane ka jaanong ba kgona go ka gakololana, go thusana go phepafatsa le gone go ka isa dijo kwa bathong nako e santse e le teng. 

O tlhalositse fa tiro e ya bone e setse e nna motlhofo ka ba kgona go thusana.

Mmereki wa Ipelegeng, Mme Nkgowa Mogaekwa o tlhalositse fa tshwetso ya gore go apeelwe golo go le gongwe e siame ka baapei ba tshwanelwa ke go phepafatsa lefelo le nako le nako go na le fa ba apeela kwa malwapeng.

 O supile fa jaanong ba itse gore ba ja dijo tse di apeetsweng fa go leng phepa teng a supa fa se e le maiteko a mantle a komiti ya ditlhabololo.

O tsweletse ka gore jaanong ba setse ba fiwa dijo tse di apeilweng sentle ka jaanong baapei ba gakololana ka fa go le pele o ne o kgona go fitlhela ba fiwa dijo tse di sa apeesegang ka gore go a bo go ne go sena yo o ka gakololang moapei.

Mme Mogaekwa o ne a tlhalosa fa mo nakong ya gompieno ba fiwa dijo ka bonako go na le nako ya fa go ne go santse go apeelwa kwa malwapeng ka go ne go le kgakala.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Nkwebi Monyadzwe

Location : Masunga

Event : Potsolotso

Date : 01 Feb 2016