Billy o rotloetsa bopelotelele
01 Feb 2016
Mopalamente wa Francistown Botlhaba, Rre Buti Billy, a re lefatshe la Botswana le santse le tshegeditse tsamaiso e e nitameng ya molao.
Rre Billy o buile mafoko ao morago ga tiro ya go ribolola sefikantswe sa ga Mme Bokani Socks, e e neng e rulagantswe ke mokgatlho wa baoki wa Botswana kwa Francistown.
Moletlo o ne o tshwaretswe kwa Tutume ka Matlhatso.
Mme Socks, yo e neng e le mooki kwa kokelong ya Nyangabgwe ka 2014, o ne a nyelela mme a bonwa morago ga lebaka mmele wa gagwe go lebega o tshubilwe go setse masalela fela.
Rre Billy o ne a kopa batsadi ba ga Mme Socks go nna pelotelele le go baya mo Modimong gore modira molato kana badira molato oo ba otlhaiwe ka fa molaong.
Gape o tlhalositse fa kgang e le e e bofitlha thata mme e batla ditlhotlhomiso tse di tseneletseng le go tshwarwa ka matsetseleko, ka jalo a kopa batsadi le setshaba ka kakaretso go fa batlhotlhomisi sebaka go dira tiro ya bone ka botlalo.
Rre Billy a re molato ga o bole le fa go ka tsaya dingwaga.
Rre Billy o akgoletse batho ba Tutume, boineelo le bopelotelele jo ba bo supileng mo tatlhegelong.
Rre Billy o ile a tshephisa fa a tlaa sala kgang eo morago go leka go ba lekodisa gore e tsamaya fa kae.
Modulasetilo wa mokgatlho wa baoki, Rre Tebogo Tshenyego, o ne a leboga kgaolwana ya mokgatlho oo kwa Francistown, a re ba mo moonong wa matshego a tebelopele ya setshaba ya 2016.
Rre Tshenyego a re ba diragaditse lengwe la matshego a tebelopele ya 2016 la setshaba se se tsweletseng se se utlwanang, le la setshaba se se kutlwelo botlhoko se se tlhokomelang batho botlhe.
A re tiro e ba e dirileng e tshwanetse go nna sekai mo babereking ba bangwe, a re ba tlaa nna ba tshwaragane le lelwapa leo go ya pele.
Mokhanselara wa Tutume Bokone, Rre Ishmael Mokgethi, o ne a lebogela baoki bao tiro e ntle e ba e dirileng ya go aga sefikantswe sa mmereki ka bone moswi Socks.
A re ke tiro e ntle thata e ba e dirileng, a bo a ba akgolela lerato le tshwaragano e ba e supileng mo lelwapeng kwa tshimologong ya tiragalo go fitlha gompieno.
Rre Mokgethi a re ba na le mowa wa lerato le tirisano mmogo mme a re le fa dipelo di santse di le dikhibidu ba e tla ba gomotsega ka gore badiri ka ene ba santse ba na le bone ka metlha le metlha go leka go ba sidila maikutlo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Tutume
Event : Go ribolola sefikantswe
Date : 01 Feb 2016






